Banka ya Barclays e abela baithuti ba Mmaothate
07 Jul 2019
Ba banka ya Barclays ba abetse bana ba sekole sa bananyana sa Mmaothate se se mo kgaolong ya Letlhakeng dikobo, dibuka, melora le diaparo.
Mogolwane go tswa kwa bankeng eo, Mme Egenia Moyo o tlhalositse fa ba kgobokantse madi ka go dira maitiso, mme ya re morago ba kopa mohiri go ba thusa fa ba tlhaetseng teng.
O tlhalositse fa kgolagano ya bone le sekole sa Mmaothate e sa felele mo dithusong tse ba di abileng, mme ba tlaa tswelela ba ba thusa ka tse dingwe jaaka go ba ruta botlhokwa jwa go boloka madi.
Kgosi Mokwaledi Masono, fa a amogela baeng, o ne a akgolela Barclays go lemoga letlhoko le go thusa sekole seo, a re seo ke maiteko a go thusa puso fa e tlhaelang teng.
Fa a bua ka ditso tsa sekole seo, mogolwane mo lephateng la thuto ga e golelwe, Mme Gaolese Ncaagae, o tlhalositse fa ba ne ba lemoga fa go na le bana ba ba neng ba sa tsene sekole kwa Mmaothate, ka jalo ba simolola go kwadisa bana bao gore le bone ba anywe thuto.
O supile fa mo nakong ya gompieno go na le ditlhopha di le nne tsa bana le bagolo ba ba rutwang ka lenaneo la thuto ga e golelwe kwa Mmaothate.
O tlhalositse fa ba ruta bagolo ditiro tsa diatla gore ba tle ba kgone go itshetsa.
Mo go tse dingwe, Mme Ncaagae o boletse fa ba maphata a botsogo le thuto ba ne ba thusa bana ba sekole seo ka dijo gore ba kgone go ithuta.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa ba santse ba kopa dithuso ka jaana tse ba di filweng ga di a lekana.
Mogolwane wa mokgatlho o o ikemetseng wa AAP, Mme Martha Rampa, yo o tlhokomelang bana ba ba nang le botlhoki, o tlhalositse fa mokgatlho oo, o tlhamilwe ka 2004, o itebagantse le bana ba ba nnang kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo ba feta dikete tse tharo.
O tlhalositse fa mokgatlho oo, o ikaegile ka dithuso tse ba di kopang mo makalaneng a a ikemetseng jaaka dibanka le mabentlele.
Mme Rampa o supile fa ba Barclays ba ne ba ikopanya le bone go utlwa letlhoko la bone, mme ka a ne a setse a itse ka letlhoko la bana ba Mmaothate, a ba lemotsha ka bone.
O tlhalositse fa ba lemogile fa bana ba le kgakala le ditlamelo, maduo a bone a le kwa tlase, mme ba tswa ka mogopolo wa go ba kgobokanya mo lefelong le le lengwe ka nako ya ditlhatlhobo.
Mme Rampa a re se, se ne sa dira pharologanyo e ntsi ka jaana maduo a bana a ne a simolola go nametsa.
O supile gape fa ba eletsa go bona bana ba ba tswang mo metseng e e tshwanang le Mmaothate ba tshwere maemo a a kwa godimo fa ba gola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Jul 2019