Maloko a rotloediwa go tlhopha
07 Jul 2019
Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae o rotloeditse maloko a The Healing Church go tlhopha ka bontsi mo ditlhophong tse di tlang.
Mopalamente o buile jaana fa a ne a bula semmuso bokopano jwa bomme ba phuthego jo bo neng bo tshwaretswe kwa Ghanzi bosheng.
A re go botlhokwa go kopana, go buisana ka mathata a ba a bonang mo dikerekeng tsa bone le go abelana maele.
O ba kopile go rapedisa dipolaano tse di diragalang mo lefatsheng, a re di utlusa botlhoko ka go bolawa batho ba ba senang molato.
Rre Salakae a re go botlhokwa go golela mo thapelong ka go ka thusa go boifa go dira dilo tse di bosula.
Mopalamente o ne abela kereke P1 000.
Modulasetilo wa komiti ya bomme, Mme Lesedi Nakedi o tlhalositse fa bokopano bo tshwarwa ngwaga le ngwaga go tla go abelana megopolo, go buisana ka mathata a a lebaganeng bomme mo kerekeng le mo tumelong.
A re bokopano jo, bo thusa gore fa ba tlhaelang teng ba ipaakanye gore ba kgone go ya kwa pele ka thapelo le go buisana.
O supile fa e a re bomme ba kopane, ba rotloediwe go dirisa mananeo a puso le go itirela ka diatla gore ba seka ba salela kwa morago mo matshelong.
Mme Nakedi a re bokopono joo bo botlhokwa ka bo ruta bomme ka thapelo le dilo tse di ka ba thusang go itshetsa.
Go ne go laleditswe baoki go tla go ruta bomme ka malwetse a a farologaneng jaaka HIV/AIDS, sukiri le madi a matona. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Bokopano
Date : 07 Jul 2019