Breaking News

Ba ngogngorega ka lekgotla kabo ditsha la Ghanzi

04 Jul 2019

Banni ba Ghanzi ba kgaletse lekgotla la kabo ditsha la Ghanzi go tlhoka go abela banni ba kgaolo ditsha pele jaaka go dirwa kwa dikgaolong tse dingwe.

Banni ba supile ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae bosheng.

Ba boleletse mopalamente gore ba batla gore fa lekgotla leo le aba ditsha, go lebelelwe pele dikopo tsa banni ba kgaolo.

Ba supile fa banana ba tlhaelelwa ke lefatshe le ba ka ruelang mo go lone, mme ba kopile Rre Salakae go emela kgang eo ka dinao.

Banni ba ne gape ba ngongorega ka lenaneo la Self Help Housing Agency (SHHA) ba re go tsaya sebaka se se leele baikopedi ba sa thusiwe.

Ba re tiego eo  e tsisa kgotlhang mo bathong ba ba ntsi mo lwapeng.

Banni ba ne akgola lenaneo la KgomoKhumo, ba re le ba thusitse fela thata, ba supa fa bogodu jwa leruo bo wetse tlase.

Kgosi Botshelo Lekgothu ene o ne a kopa batho ba Ghanzi go dirisana sentle le mapodisi le go ba thusa mo ditlhotlhomisong.

Kgosi Lekgothu o boletse gore lenaneo la KgomoKhumo ga lena go ntsha maduo a  bonalang fa ba sa thuse mapodisi.

Erile mopalamente a araba dilelo tsa bone, a tlhalosa fa a dumalana le bone gore ditlhabololo tsa lenaneo la dikgaolwana tsa botlhopi di tsamaya ka bonya, mme o tla buisana le ofisi ya molaodi le khansele.

Mopalamente a re mabapi le ditsela tsa matlo a Botswana Housing Corporation (BHC) o lekile go bua le bkhansele mme ga a tlhaloganye gore mathata ke eng.

A re tse dingwe o tlaa go di bua kwa palamenteng, gongwe o tla bona dikarabo tse di botoka.

O rotloeditse banni ba kgaolo ya Ghanzi go adima madi kwa Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) go dira dikgwebo le go reka dikgomo gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Jul 2019