Breaking News

Bagwebi ba rotloediwa go thusanya

04 Jul 2019

Mokhanselara wa Boyei kwa Maun, Rre Ntlogelang Kebonyekgotla, o ikuetse mo bagwebing ba ba tona go thusa ba ba botlana ka madi gore ba kgone go godisa dikgwebo tsa bone.

O buile jalo ka letsatsi la ditshupo tsa bagwebi ba ba botlana kwa Maun.

Rre Kebonyekgotla a re go botlhokwa go dira jalo gore ba kgone go intsha mo lehumeng le gone go tlhama mebereko.

A re ba tsee malebela mo mo bankeng ya Banc ABC e e rotloeditseng ditshupo tseo ka P10 000 go thusa mogwebi yo o gaisitseng ba bangwe.

A re dikgwebo dingwe ga di dire sentle ka ntlha ya go tlhoka thotloetso, ke ka moo a kopang tse di itshetletseng go tshwaragana le tse di fatlhogang gore di kgone go gola.

Rre Kebonyekgotla o kopile ofisi ya boipelego go atolosa maeto kwa dikgwebong tseo, a tlhalosa fa bangwe ba ntse kwa malwapeng ba sa dire sepe ka go tlhoka kitso.

O ba kopile gape go sekaseka thulaganyo ya go neela baikopedi dithuso, a re go lemosegile fa bangwe ba tlhaela mo tseleng.

A re nako e tsile ya gore e le baemedi ba batho, ba tle ka melao le ditsamaiso tse disha tse di ka fetolang mananeo mangwe ka jaana moono e le go bona matshelo a batho a fetoga ka dipalo tse di nametsang.

Rre Kebonyekgotla o ne a lebogela khansele go tshwara ditshupo tseo, a re go tlaa thusa bagwebi go nonotsha ipapatso ya bone.

Mme Kahepere Kanou go tswa kwa Gumare, yo e neng e le mongwe wa bagwebi, o ne a leboga khansele go bo e mo thusitse ka lenaneo la go simolodisa kgwebo.

Ene o thusitswe ka la go roka, mme o supile fa kgwebo e tsweletse sentle e bile a kgona go inosa metsi le gone go isa bana dikoleng.

A re o kgonne go ikagela ntlo le go reka leruo.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa go tsamaisa kgwebo go se bonolo ka jaana kgwebo e tlhoka boineelo, botlhaga, bopelotelelele le lerato gore mong wa yone a fitlhelele ditoro tsa gagwe.

Mme Kanou a re nako tse dingwe motho o ka kopana le dikgwetlho tse dikgolo mme se se botlhokwa ke go itebaganya le tsone go fitlhelela a di fenya.

Mme Tlhaloganyang Gabanakgosi wa Maun, yo o thusitsweng ka go dira salon, o boletse fa le ene a gatetse pele ka jaana maduo a kgwebo a bonala.

A re  le ene o ikagetse ntlo le gone go atolosa kgwebo, mme a lebogela khansele kemo nokeng e ba e mo fileng.

Mokwaledi wa khansele potlana ya  Maun, Mme Mogomotsi Seemule  o boletse fa maikaelelo magolo a ditshupo tseo e ne e le go kgobokanya bagwebi ba ba botlana gore ba ipapatse ba bo ba arogane maele a go tsamaisa kgwebo.

A re bagwebi ba o ke ba ba thusistweng ka mananeo a puso mme ba ba kgobokantse jalo gore ba ikitsise setshaba, ba bo ba pakele ba ba iseng ba thusiswe gore mananeo a teng, ebile a ntsha maduo.

Mme Seemule a re ba ne ba laletsa jalo ba dibanka le ba tsaya karolo ba bangwe ba makalana a a ikemetseng le a puso go tla go tlhatlhelela bagwebi ka dithuso tse ba ka di ba neelang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Ditshupo tsa bagwebi ba ba botlana

Date : 04 Jul 2019