Breaking News

King Brave e fenya kgaisano

03 Jul 2019

Pitse ya King Brave ya kwa Draaihook kwa kgaolong ya Kgalagadi, e fentse lebelo la dipitse la sekgele sa 2 400 metres la Motokwe Show.

Mopalami wa pitse eo, Rre Kitso Sesipi o tlhalositse fa a itumeletse phenyo eo fela thata.

Ever Silver ya ga Rre Timon Kelebeng go tswa Motokwe e ne ya tsaya maemo a bobedi, fa Rhumba go tswa kwa Takatokwane yone e ne ya tsaya maemo a boraro, mme Alphanio ya tsaya maemo a bone.

Mo mabelong a 1 000 metres a dipitse tsa Tswana Breed, Compral e ne ya gapa maemo a ntlha, Samsung ya tsaya maemo a bobedi, fa maemo a boraro a tserwe ke Mini skirt, fa Charma girl yone e ne ya tsaya a bone, dipitse tse tsotlhe di ne di tswa kwa Dutlwe.

Mo dipitseng tsa Thorough Breed, Bornfire e ne ya tsaya maemo a ntlha mo lebelong la 1000 metres, Talktalk ya itlhoma mo maemong a bobedi, maemo a boraro a gapiwa ke Lock mouth, fa Terero Red e ne ya tsaya maemo a boraro.

Bornfire e ne ya ipoeletsa go tsaya maemo a ntlha mo lebelong la 800 metres, e longwa serota ke Terero Red, maemo a boraro a tsewa ke Talktalk fa Pearl Rock e gapile maemo a bone.

Dipitse tsa King Brave, TT Jet, Born fire, Compral, Rhumba, Catch me, Until Dawn, Terero Red le Sir Don di ne di tsa kgatlha leitlho thata fela thata, mo mabelong a a neng a ngokile batabogi go tswa kwa Maun, Charleshill, Takatokwane, Jwaneng le Dutlwe.

Moeteledipele wa mokgatlho wa TT Horse Racing, Rre Timon Kelebeng o supile fa lebelo leo le gola, a supa fa beng ba dipitse ba na le lorato mo go tsone.

Rre Kelebeng o supile fa kgwetlho e tona e le tlhoka barotloetsi, mme ba dirisa madi a mantsi fela thata mo go one.

O kopile beng ba dikgwebo go ba thusa gore lebelo leo le gole le go feta. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : MOTOKWE

Event : Motokwe Show

Date : 03 Jul 2019