Breaking News

Lemogang boleng jwa metshameko

03 Jul 2019

Banni ba Mahalapye ba akgoletse botsamaisi jwa sekole se segolwane sa Parwe go keteka letsatsi la metshameko ya mafatshefatshe ya di Olympic bosheng.

Mogolwane wa tsa ditogamaano, Rre Batlhabane Medupe kwa Botswana Railways a re se ke bopaki jwa gore Mahalapye o a lemosega ka jaana e le lekgetho la bobedi go tshwarelwa tiro e teng.

O kaile fa go le molemo go bona Botswana le ene a keteka letsati le.

Rre Medupe a re sengwe sa tse di neng di kgatlha leitlho ke mogwanto wa dikhilomithara tse di lesome tse bagolo, dikgosi, baithjuti le banni ba neng ba tsaya karolo mo go one.

One a itumelela tshwaragano e sekole sa Parwe se nnileng le yone le mafatshe ka go farologana le tsamaiso thuto ka ditsetlana e e tlhamilweng ka ngwaga wa 2018.

Rre Medupi a re ka lenaneo le, sekole se nnile le diphetogo mo boitshwarong le go aga setho sa bana, a kaya fa se se supa maduo a a tokafetseng mo dithutong tsa bone.

A re mo kgaoganong tse di ka bakwang ke sepolotiki, bong, letso le tse dingwe, metshameko ke yone fela e ka tshwaraganyang batho.

O kopile banni ba Mahalapye go lemoga boleng jwa motshameko mo go ageng bokamoso jwa bana.

A re metshameko jaanong e tsewa jaaka tiro ya itshetso.

O file sekai ksa dikgantshwane jaaka Issac Makwala, Baboloki Thebe le Amantle Montsho ba ba itshetsang ka metshameko.

Rre Medupi a re batshameki ba duelwa madi a mantsi a babereki bangwe ba a dirang ka dingwaga fa batshameki bone ba a dira ka letsatsi.

Rre Medupi o tlhaloseditse bagolo ba motse fa go itshidila mmele e le selo se se ka ba tokafaletsang botsogo go oketsa lebaka la go tshela le go fokotsa malwetse a akaretsang sukiri, madi a magolo le monono o o feteletseng.

O lebogetse banni ba Mahalapye go tsena moletlo ka dipalo tse di kwa godimo.

Mogokgo wa sekole, Rre Bashi Garebaitse o kopile tshwaragano gareng ga batsadi a re sekole se, se lesego go fiwa sebaka sa go tshwara moletlo o. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : MOLETLO

Date : 03 Jul 2019