Breaking News

Boleng jwa dithoto pinagare ya katlego ya kgwebo

03 Jul 2019

Bagwebi ba ba botlana ba rotloeditswe go rekisa dilwana tse di nang le boleng ka jaana phadisano e le kwa godimo.

Thotloetso e, e dule ka mogolwane wa madirelo a ditena a Makoro kwa dikgaisanong tsa bagwebi ba ba botlana tse di neng kwa Palapye bosheng.

Mme Dorcus Mosesha a re bagwebi ba ba botlana ba tshwanetse go nna motlotlo ka dikgwebo tsa bone.

A re kgwebo e na le dikgwetlho tse dintsi mme e tlhoka bopelotelele.

Mme Mosesha a re tebelopele ya setshaba ya 2036 e tlhalosa maikaelelo a puso gore Batswana ba bo ba na le dikitso tsa kgwebo ka bontsi.

Mme Mosesha a re go ka nna motlhofo fa bagwebi ba ka dira dikgwebo tsa bone ba itshwaragantse le go tsaya malebela mo go ba bangwe ka seo se ka ba thusa go rotloetsana gore ba kgone go tsweledisa.

A re fa ba ka itshwaraganya le ba dikgwebo tse dikgolwane go ka ba thusa go anya botsipa mo go bone a bo a ba lemotsha gore dithuto tse ba di fiwang, ba seka ba ema foo, ba itsholetse ba seka ba emela go thusiwa.

Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome o kgothaditse gwebi ba botlana go tsaya malebela mo go ba ba ba rutuntshang.

A re ba kgothatsane ka kgwebo ke selo se se yang godimo le tlase mme se batla go itshokelwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Dikgaisano

Date : 03 Jul 2019