Banni ba kopilwe go emela dikomiti tsa motse ka dinao
03 Jul 2019
Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, o kopile banni ba Grootlaagte go emela dikomiti tsa motse wa bone ka dinao.
Rre Salakae a re fa dikomiti di sa dire sentle, ditlhabololo ga di na go tsamaya sentle.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, o ne a kopa banni go tlhomamisa gore dikomiti di dira ditiro tsa tsone sentle, go sena sekgoreletsi. A re fa ba bona gore dikomiti ga di bereke sentle ba tshwanetse go begela ba ba lebanyeng.
Mopalamente a re puso eme ka dinao go lwantsha tshenyetso setshaba, ka jalo ba nne podi matseba gore go dirwe dilo sentle.
Rre Salakae a re komiti nngwe le nngwe e tshwanetse go rerisana le morafe fa e dira sengwe, ebile e tshwanetse go ntsha pego ya yone ya madi.
Mopalamente o gakolotse banni fa kgosi le mokhanselara ba sa tshwanela go laola sepe mo dikomiting tsa motse, a re tiro ya bone ke go gakolola fela.
O ne a ba tlhalosetsa fa terekere e e rekilweng ka madi a ditlhabololo a dikgaolo, e tshwanetse go nna le letlole la yone gore ga e hirisiwa madi ao a tsene mo go lone.
A re ka gore go ne go sena dipula, o kopa gore terekere eo e hirisetswe batho ba ditsela le bangwe ba ba tlhokang go e dirisa.
Mopalamente o ne a batla go itse gore madi a polasi ya morafe wa Grootlagte adirisiwa jang le gore a komiti ya polasi eo e ntsha pego.
O boleletse morafe fa puso e ntshitse mogopolo wa gore letsomo le bulelwe, mme gape a ba kopa go emela thuto ya bana ba bone ka dinao.
A re bana ba motse oo ke bangwe ba bana ba ba tlogelang sekolo ka dipalo tse di kwa godimo ntateng ya boimana le go sa rate sekolo.
Banni bone ba ne ba supa fa ba dumalana le go bulelwa ga letsomo, ba tlhalosa fa mo motseng wa bone ba tshela le ditlou, seo se supa fa palo ya ditlou e setse e godile thata ka jalo puso etsere tshwetso e e siameng.
Morafe o ne wa supa fa dikomiti tsa motse di sa bereke sentle, ba supa fa komiti ya polasi e sa ba rerise, le fa ba rekisa dikgomo.
Banni ba boleletse mopalamente fa makanyane le bophokoje di feditse dipodi le ditonki tsa bone, mme ba kopa lephata la diphologolo go ba thusa ka dibatana tseo.
Ba supile fa makanyane a tswa mo dipolasing go tla go ja ditonki tsa bone, mme go tswa foo a boele mo go tsone jaanong go bo go sena se ba ka sedirang.
Ba ne ba kopa gape gore dipodi tsa bone di rekisetwe mo motseng wa bone, ka gore go na le dipodi tse di lekanyeng go rekelwa ba nyeletso lehuma.
Mokhanselara Ezekiel Kajuu ene o ne a tlhalosa fa ba ofisi ya nyeletso lehuma ba simolotse go reka dipodi le go thusa ba ba neng ba saletse kwa morago go bona dipodi tsa bone.
Rre Kajuu o boleletse banni bao fa ofisi eo e simolotse kwa motseng wa New Xade.
E rile mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Benson Dibebe a akgela atlhalosa fa morafe o tshwanetse go bona le go leka ka bo jotlhe gore dikomiti di bereke. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Jul 2019