Setshaba se tlaa rutwa tsamaiso
03 Jul 2019
Mookamela lephata la dikgolegelo, Colonel Silas Motlalekgosi, a re lephata la gagwe le tlaa simolodisa thulaganyo ya go ruta setshaba ka tsamaiso ya dikotlhao go hema dikgang tsa gore dikgolegelo di golola batho pele ga lebaka le le beilweng.
E rile a bua kwa mogwantong wa dikhilomethara tse masome mabedi, o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA kwa Lentsweletau, Col Motlalekgosi a bolela fa maikaelelo a tshwetso ya bone e tlaa bo e le go fokotsa ketsaetsego le go abalana kitso ka dikotlhao.
O tlhalositse fa go le gantsi lephata la dikgolegelo le kgalwa ka tumelo ya gore le golola batho ba sa wetsa kotlhao.
A re lephata le dirisa tsamaiso ya molao e e sa ba letleng go fetola ka gope dikotlhao tsa makgotla a ditsheko.
“Go botlhokwa go tlhaloganya gore tiro ya rona e berekela mo tsamamisong ya molao, mme ebile ga re baatlhodi.
Rona re diragatsa fela se se thomamisitsweng ke makgotla a ditsheko,“ ga tlhalosa Col Motlalekgosi.
O gakolotse setshaba go itse fa tsamaiso ya dikgolegelo e le go aga sesha ba ba otlhailweng ke makgotla a ditsheko mme ebile kgotla tshekelo e le yone e tlhomamisang lebaka la kgolegelo e setse molao morago.
“Thulaganyo e e tlhoka thuto e tseneletseng go itse ka fa dikotlhao di tsamaisiwang ka teng mo dikgolegelong,” ga buwa mookamedi wa dikgolegelo
Ka jalo o gakolotse setshaba go emisa mokgwa wa go nna baatlhodi mme ba amogele ba ba weditseng dikotlhao go tsena gape mo gare ga setshaba.
O tlhagisitse setshaba go nna kelotlhoko mo thulaganyong ya tiriso ya maranayane go re ba seka ba iphitlhela ba tsene ka dikgoro tsa dikgolegelo ka ntlha ya boitshwaro jo sa amogelesegeng.
Col Motlalekgosi o kopile setshaba go ikaga go fokotsa dipalo tsa magolegwa kwa dikgolegelong.
Mmamatlotlo wa kereke eo, Mme Lesego Mmese, o ne a bolela fa maikaelelo a mogwanto e ne e le go itebaganya le ditlhaelo di akaretsa kago ya ntlo ya motlhoki le go thusa kokelwana ka ditlamelo tsa balwetse ba ba okelwang kwa malwapeng,
Kgosi Jack Motswakhumo wa Lentsweletau, ene o kopile puso go tsepamisa thulaganyo ya go thusa ka madi batho baba weditseng dikotlhao tsa kgolegelo go thusa go godisa dikitso tse ba di bapetseng kwa dikgolegelong ka go ka thusa go bulela bangwe ka bone diphatlha tsa mebereko.
“Ke dumela fa go sa lekana go aga le go tlhatlhelela magolegwa dikitso tsa bokgoni jo bokwa godimo mme ere morago di seke di solegele setshaba molemo ka ditlhaelo tsa madi,” ga gakolola kgosi Motswakhumo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : LENTSWELETAU
Event : Mogwanto
Date : 03 Jul 2019