Breaking News

Monna a ikaletsa morago ga go tlhaba mokapelo

03 Jul 2019

Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone o fitlhetswe a akgega mo setlhareng morago ga gore a tlhabe mokapelo wa gagwe ka sengwe se se bogale.

Mookamela mapodisi a Tsabong kwa kgaolong ya Kgalagadi, Superintendent Christopher Tlhapi-David, o tlhalositse fa mapodisi a begetswe tiragalo eo ka Tshipi ka nako ya lesome le bobedi bosigogare ke mongwe yo o boneng tiragalo eo.

Rre Tlhapi-David a re mapodisi a ne a ragosetsa mosetsana yo o neng a tlhabilwe kwa kokelong fa mokapelo wa gagwe ene ba fitlhetse a akgega mo setlhareng gaufi le lelwapa lwa ga bone.

O boletse fa mosetsana yoo, wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi, a ne a thusiwa ke ba bongaka mme morago a romelwa kwa Princess Marina kwa Gaborone kwa ba bongaka ba tlhalositseng fa  a sidilega.

Rre Tlhapi-David o boletse fa morago ga ditlhatlhobo tsa ba bongaka ba ne ba rurifatsa fa monna yoo a setse a tlhokafetse, ebile serepa sa gagwe se le mo setsidifatsing sa kokelo ya Tsabong.

O ne a supa fa bobedi joo bo tlholega kwa Tsabong ebile ba ne ba tshotse ngwana mmogo.

Supt. Tlhapi-David o ne a gakolola borre go kopa dikgakololo fa ba na le tlhoko-kutlwisisano le bakapelo ba bone go na le go tsaya ditshwetso tse di sa siamang ka di felela di tlogelela ba ba setseng kutlobotlhoko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 03 Jul 2019