Breaking News

Ba feta 47 000 ba ikwadisiditse kwa Kgatleng

02 Jul 2019

Batho ba le 47 384 ba ikwadiseditse ditlhopho kwa Kgatleng.

Fa a rola pego bosheng, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, o boletse fa lekgotla la ditlhopho le boletse fa go ikwadisitse batlhophi ba le 23 263 kwa kgaolong ya Mochudi Botlhaba le ba le 24 121 kwa Mochudi Bophirima.

A re batlhophi ba kwa Mochudi Botlhaba ba dira 53 per cent ya setshaba sa kgaolo eo, mme ba ba ikwadisitseng kwa Mochudi Bophirima ba dira 51 per cent.

Rre Morolong a re dipalo tse di ka fetoga go ya ka mabaka a farologanyeng jaaka khudugo ya batlhophi, dintsho kana thurifatso ya buka ya maina a batlhophi.

O supile fa thulaganyo ya go sekaseka buka ya maina a ba ba ikwadiseditseng ditlhopho e tsweletse, ka jalo a kgothatsa setshaba go ikatumetsa ofisi ya ditlhopho go rurifatsa fa maina a le maemong a mantle.

Rre Morolong a re ofisi ya ditlhopho e mo tirong ya go thapa bodiredi jo bo tlhophisang, mme tsholofelo ke gore ba tla wetsa kgwedi ya Phukwi e wela.

Fa a tshwaela ka seemo sa madi, Rre Morolong a re puso e amogetse kopo ya bone ya dithuso tsa madi a selekanyo sa P148 585. 005 go tsamaisa khansele le go fa setshaba ditirelo mo ngwageng wa 2019/2020.

O supile gore madi a khansele e itlamileng go a itirela ke P10 074 835, mme se se tlisa madi otlhe a ngwaga kwa go P158 659 840.

“Mo mading a, re setse re amogetse P37 119 566 go simolodisa ngwaga,” ga tlhalosa Rre Morolong.

A re kgwedi ya Seetebosigo e le lesome le bofera bongwe, madi otlhe a a phuthilweng ke khansele a ne a le selekanyo sa P886 583 e le bontlha jwa seelo sa P1 632 125.67 se ba se ipeetseng mo kgweding eno.

Rre Morolong a re madi a a dirisitsweng one a tsamaa mo go P23 604 142.05, mme a supa gore ga ba a kgona go fitlhelela seelo sa tiriso ya madi sa P39 664 960 ka ntlha ya dithulaganyo tsa tsamaiso ya theko tse di tsweletseng.

A re go maleba gore a kgothatse khansele gore monongwaga ba itsolopanye go fitlhelela maikaelelo a bone a go naya ditirelo ka nako le tiriso madi e e netameng.

“Go mo maruding a rona go phutha dikoloto tsotlhe le go loga maano a masha a go oketsa metlhale ya go tsenyetsa khansele madi.

Go dira jalo go ka re kgontsha go isa ditirelo ko sechabeng re sa faapane le maitlamo le ditsholofetso tsa rona,” a rialo Rre Morolong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya khansele

Date : 02 Jul 2019