Breaking News

Kedikilwe o akgola bomme

02 Jul 2019

Seabe sa bomme mo tlhabololong ya lefatshe le setshaba se a bonala.

Se se netefadiwa ke bomme ba kwa Mmadinare ba ba tsweletseng ka go tlhama mekgatlho go tshidisa ba ba latlhegetsweng ke ba masika le ditsala.

Mongwe wa balalediwa kwa tshimolodisong semmuso ya mokgatlho wa Mmamosekama Burial Society, Rre Ponatshego Kedikilwe yo o e leng mothusa tautona wa pele, o kaile fa mme e le motho yo o nang le tebelopele le boitshoko mo go se a batlang go se dira.

Rre Kedikilwe o ne a lemotsha bomme ba mokgatlho wa Mmamosekama fa se ba se dirang e le se puso e se batlang ebile se le mo maitlamong a Tebelopele ya 2036.

O gakolotse bomme ba mokgatlho gore ba seka ba itebaganya le tsa diphitlho fela, mme ba katolose go itepatepanya le mathata a a lebaneng bana ba basetsana ka ba tshelela mo kgokgontshong.

Rre Kedikilwe o supile fa ngwana wa mosetsana a tshwanetse go rutwa boitshwaro jo bo siameng a sa ntse a le monnye gore e re a godile e nne mme yo o nang le boikarabelo.

Rre Kedikilwe a re mokgatlho wa Mmamosekama o mo tseleng ya go tsosolosa mowa wa bogologolo wa boipelego le popagano ya morafe.

E rile a ba ama ka lefoko, mogolo wa motse, Rre Molebatsi Molebatsi o ne a kgothatsa bomme ba Mmamosekama go bereka ka thata go godisa mokgatlho go nna o o dirang dipoelo.

Rre Molebatsi o ne a supa fa go le botlhokwa go nna le tebelopele mo se motho a batlang go se dira mme a ba kgothatsa go sala molao motheo morago ka e le o ne o o ka ba kaelang fa ba sa dire sengwe sentle.

O supile fa mekgatlho e tshabelelwa ke go phutlhama mo dikgang tsa teng di felelang di le kwa makgotla tshekelong ka lebaka la go tlhoka go sala molao morago.

A re go botlhoka go nna le batho ba ba nang le dikitso tsa madi mme a ba rotloetsa go dirisa bana ba bone mo motseng ka bangwe ba na le dithuto tsa go nna jalo.

Rre Molebatsi o ne a supa fa Mmadinare a dikologilwe ke meamuso ya tlholego jaaka matamo mme a re ba ka thulanya ditlhogo le mekgatlho e mengwe go akantshanya ka fa ba ka di dirisang ka teng go dira dikgwebo.

O ne a itlama go thusa mokgatlho ka dikitso tse a nang natso tsa kgwebo gore o kgone go itirela letseno.

Morotloetsi mogolo wa mokgatlho, Mme Neo Mothobi o ne tlhalosa fa mokgatlho o sale o tlhamilwe ka ngwaga wa 2016 mme mo nakong ya gompieno o godile.

Mme Mothobi o ne a re tiro ya gagwe ke go thusa ka dikgakolo mme a supa fa kutlwano le lorato e le tsone tse di ka dirang gore mokgatlho o gole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MMADINARE

Event : Tshimolodiso semmuso ya mokgatlho

Date : 02 Jul 2019