Go emisa kgokgontsho ke tiro ya botlhe
02 Jul 2019
Kgokgontsho ke nngwe ya matshwenyego a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshobo.
Se se senogile kwa kokoanong e e neng e rulagantswe ke mapodisi a kgalo ya No 2 kwa Palapye bosheng.
Kgangkgolo e ne e le go fetisa molaetsa ka kgokgontsho, segolo jang ya bomme le bana ba basetsana.
Mothusa mogolwane wa lephata la tsa bong kwa Palapye, Mme Malebogo Abasia, o ne a re rotloetsa setshaba go tshwaraganela go emisa kgokgontsho ka jaana setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.
Mme Abasia a re kgokgontsho ga e kake ya itlhokomolosiwa, a tlatsa ka gore e ka nna le tharabololo fa mongwe le mongwe a ka tsaya boikarabelo.
A re puso e dira bojotlhe go tla ka melao e e gagametseng go hema seemo se.
A re le fa maiteko a le teng, bomme ba tsweletse ka go folosa dikgang tsa kgokgontsho ka dipalo tse di kwa godimo.
Ka ngwaga wa 2015/16, Mme Abasia a re go ne ga folosiwa dikgang tsa kgokgontsho di le 5 446, di folosiwa ke bomme, fa borre ba folositse di le 2 092 tse di neng di pegilwe kwa mapodising.
A re seo se supile fa e le ka mabaka a gore bomme kana borre bao ke bone ba jesang malwapa a amegang.
Mme Abasia o ne gape a supa fa ba bona dikgang tsa kgokgotsno letsatsi le letsatsi mo dipampiring, thelebishine le go di utlwa mo diromamoweng.
Sengwe gape a re ke go iphitisa dino tagi le diritibatsi tse di felelang di tseela bangwe ditlhaloganyo le go ba itsa go akanya ka nako ya ditirafalo.
A re kgodiso ya bana kwa malwapeng a a nang le bakgokgontshi, e dira gore le bone ba dirisa dikgoka mo go ba bangwe.
O akgotse maiteko a a dirwang ke mapodisi le botlhe ba ba amegang a re ba botlhokwa thata go lemotsha setshaba fa dikgang tsa mafuta o di tshwentse puso mme a ikuela mo setshabeng go tsenya letsogo mo go lwantsheng kgokgontsho ka go e emisa gotlhelele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso simon
Location : PALAPYE
Event : Kokoano
Date : 02 Jul 2019