Lephata le rotloetsa therisanyo le popagano
02 Jul 2019
Lephata la metsi le kgopo ya metsi a leswe kwa Francistown le ne le tshwere letsatsi la ngwao le go tlhoma moletlanyi wa ntlha wa mme bosheng.
Maikaelelo magolo e ne e le go lemoga ngwao, peo ya moletlanyi le go go aga lefelo le le kgatlhang ebile le babalesegile gore babereki ba kgone go bereka ka natla le go ntsha maduo.
Mookamedi wa lephata leo, Mme Bogadi Mathangwane, a re ba filwe moko ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ka moono wa go rotloetsa mowa wa therisanyo magareng ga maphata le ba-na-le seabe le go isa ditlamelo kwa dikgaolong.
A re ba ikemiseditse go latedisa moono wa ga Tautona ka go dira ditshetlana dingwe jaaka go agana e le babereki le gone go lemoga ngwao ya Setswana.
A re go tsweledisa mokgwa wa therisanyo, go fana lerato le tlotlo mo lephateng la bone la metsi ba bone go tlamega go baya moletlanyi yo tla ba letlanyang go re ere bana le dikgwetlho ba lebe ko go ene go ba agisanya.
Mme Mathangwane a re ba dirile ditso ka go tlhoma mme go re e nne ene moletlanyi mo lephateng la bone mo Francistown e le lantlha se se diragala ka ebile lephata la bone le tletse bo rre.
A re go tswa ka ngwaga wa 1971, lephata metsi le ntse le eteletswe pele ke borre mme e le ene mme wa ntlha go le etelela pele go tsweng ka ngwaga wa 2016.
A re se supa fa bomme jaanong bantse ba tlhagelela mo maemong. O tlhalositse fa se se supa fa Botswana a ya golo gongwe mo mererong ya tekatekanyo ya bong.
O gakolotse Mme Rorisang Mosetlhe yo ba sa tswang go mo tlhoma fa tiro ya boletlanyi e se motlhofo ebile e batla motho a leba kgang nngwe le nngwe ka bophara go sena lefufa mme a sa gogele kobo ntlha ele nngwefela.
O ne a mo kopa gape go re a ikaege ka nnete fa a tsaya ditshwetso ka se se ka dira go re a tswelele sentle mo tirong ya gagwe.
Mogolwane wa kgaolo ya Francistown mo lephateng leo, Rre Lawrence Modo o tlhalositse fa maikalelo a go nna le moletlanyi e le go rotloetsa tshwarano le tirisanyo mo tirong.
Rre Modo o ne a tlhalosa fa lenaneo la moletlanyi le sale le simolotswe ka ngwaga wa 2004 morago ga lephata le sena go lemoga botlhokwa jwa go nna le moletlanyi mo tirong yo o ka rarabololang mathata pele fa a ka iswa ko makgotleng a mangwe.
Kgosi Tshegofatso Setumo wa Donga o ne a kgotlhatsa moletlanyi gore a seka a gogela kobo letlhakoreng le le lengwe fela mme a dirisanye le ba bangwe ka tekatekanyo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keneilwe Ramphotho
Location : FRANCISTOWN
Event : Moletlo
Date : 02 Jul 2019