Breaking News

Sir Seretse o ne a rotloetsa popagano ya sechaba

01 Jul 2019

Tautona wa ntlha wa Botswana, Sir Seretse Khama, o ne a tumile ka go gatelela botlhokwa jwa go aga setshaba se se bopaganeng e bile se sa kgetholole ope ka letso, mmala le itsholelo. E ne e re a buisa diphuthego, a gatelele botlhokwa jwa popagano e le gore molemo wa kgang ke puisanyo.

Nngwe ya diphuthego tse a neng a di buisa ke ya kgotla kwa Palapye kwa kgaolong ya Legare ka kgwedi ya Moranang e le tlhola malatsi a le mane ka ngwaga wa 1970.

O ne a lekodisa morafe ka seemo sa ditlhabololo, mme a felela a ama dintlha tse di gaufi le pelo a gagwe.

O ne a re: “Gompieno re mo lefatsheng le la Botswana, le gantsi ntsi e reng baeng ba tsena mo go lone, ba lemoge selo sele sengwefela. Pele e ne e re fa batho ba bua jalo, ke re nnyaa ka go bo ke le President, go a bo go buiwa ka gore motho o batla go nkgatha.

Mme jaanong, fa batho ba le bantsi ba ntse ba bua ka mafoko aa ntseng jalo, mme ba ntse ba bolelela ba bangwe mafoko ao, seo se eleng gore le wena o ntse o sa se lemoge, o simolola go se lemoga.

Selo se setona se ba se buang ke gore fa motho a tsena mo Botswana, kana o tswa kae fela mo Aferika, o taa bona pharologano. O taa bona batho mo difathegong gore ba thamile, ga nke o bona e kare ba tsamaya ba le mabihi fela.

Selo se fa gongwe fa re se utwa, gare o itumele ka gore se re ntseng re se bua mo dipakeng tse ke gore motho ke motho, eseng gore motho ke motho ka ntata ya gore mmala wa gagwe o mo tsiang, kana ka gore ke morwa mang, kana ka gore mmala wa gagwe ke ofe. Kana go tshwana hela le gone mo dipolotiking tse tsa rona tsa Botswana tse.

Re sa le re di simolola ga o ke o utlwa gotwe yo mongwe o ne a bolaya ka ntata ya dipolotiki. O taa utwa go ntse gotwe go dirwa jalo kwa mafatsheng a mangwe gotwe go tikanwa ka mae aa bodileng le dipotata le ditamati. Rona dilo tse, re di tsaya ka bonolo ka go iketa.

Ke tsone dilo tse di dirang gore mo botshelong, e be go ntse go sena medumo, selo se se kgathang batho bangwe ba ba eletsang go simolola ditiro mono.

Mme medumo e, bagaetsho, e thokahadisiwa ke sone selo se, sa gore re itsaya re le batho ba le bangwefela. Ba eleng gore ga ba ise ba itseye jalo, le bone e taare mo lebakeng ba taa itsaya jalo ba itse gore fa gotwe motho ke Motswana, re raya e le Motswana gothelele hela.

E seng mo go tweng batho ba le ba bantsho, ba basweu kana ba morafe ka go nna mo lefatsheng le le lengwefela go bo go felela hoo.

Ba ka nna mo lehatseng le lengwefela jaaka re ntse mo Botswana mme gongwe ba sa tshwane. Rona re raya gore e taare motho fa a ntse mo Botswana, a bo a itse gore nnyaa , lefatshe le, ke lame tota tota. Mongwe le mongwe yo o ntseng mo go lone, ke itse gore ke Motswana, re lekana mo ditshwanelong. Ga gona ope yo go tweng o na le nngwe tshwanelo ee fetang ya ga semang mang.

Fa e le gore tota motho o a e bona, o taa bo a e bona ka ditiro tsa gagwe e seng ka gore o mo tsiang . Ke sone selo se se ntseng se re tshegetsa. Fa e sale e nna 1965 re ipusa go fithela gompieno, re ntse re mo tidimalong hela. Ga go ise go utuwe sepe gotwe go na le ope mokubukubu mo lefatsheng la Botswana.

Golo mo ke gone go dirang gore lefatshe la rona le totege. Ke gone mo go dirang gore jaanong re itsiwe mo mafatsheng a mangwe ka ntata ya gore go itsiwe fa re le batho ba ba itshekileng.

Ee! re a ga ganetsana, re ganetsana ka dilo di le dintsintsi . Mme le ha re ganetsana ka dilo di le dintsi, re a re re tswa fa, ra bo re di fetsa ka one mokgwa wa Setswana wa go nna fa fatshe re di tseela kgang ya gore re botsane gore se se molemo ke sefe.”

Sir Seretse Khama o tshotswe ka ngwaga wa 1921, kgwedi ya Phukwi e tlhola gangwe, a tlhokafala kgwedi ya Phukwi e le lesome le boraro ka 1980. E ne ele tautona wa Botswana go simolola ka 1966 go fitlha 1980. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : POLELO

Date : 01 Jul 2019