Breaking News

Tlhokomelo ya bana e ba rotloetsa go ntsha ga tshwene

01 Jul 2019

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dithojane, Rre Kesolofetse Koosaletse a re komiti ya bone e bone go le botlhokwa go abela sekole se sebotlana sa Dinokwane ka tlhokomelo e e tsepameng e rotloetsa ngwana go dira sentle mo dithutong.

O buile jaana bosheng kwa Serowe, jaaka fa komiti eo e ne e aba melora le mesangwana go thusa basetsanyana ba ba ka nnang le seemo sa go bona setswalo ba le kwa sekoleng.

Rre Koosaletse a re sekole sa Dinokwane se tsaya bana ba ba tswang mo masimong a Masama le Motlhabaneng, ka jalo bana ba e le bana ba ba tswang kwa malwapeng a itsholelo e e kwa tlase.

Modulasetilo a tlhalosa fa ba dirisitse P1 000 go tswa mo letloleng la komiti ya bone go reka dimpho tseo.

Mo kamogelong botsadi joo, jo bo neng bo patilwe ke Mopalamente Kgotla Autlwetse, Mogokgo Boikhutso Mokomane o ne a re letsatsi leo le botlhokwa ka ba kgonne go bona le mopalamente yo ba sa kgoneng go mmona ka mabaka a tsa tiro.

Mogokgo o ne a tlhalosa fa sekole sa gagwe se lebanywe ke dikgwetlho di le mmalwa di akaretsa tlhaelo ya matlwana a borutelo.

A re ntswa matlwana a bone a tshwanetse go amogela bana ba le masome mabedi le botlhano, ba kgona go tsaya bana ba le masome mararo, selo se a tlhalositseng fa se sa siamela botsogo jwa bana le fa e le ene morutabana ka go a bo go le mosuke. Mogokgo o supa fa ba tlhoka koloi e e ka rwalang bana ba ba nnang kwa masimong a Masama le Motlhabaneng go ya le go boa kwa sekoleng ka go le sekgala.

“Bana ba ba goroga ba lapile, selo se se felelang se ama tiro ya bone ya sekole ka gore ba abo ba otsela ba sa utlwe fa go rutwa. Fa e le paka ya dipula ba tla ba kolobile le tsone dibuka tota, fa gongwe ba tla ba sa tlhapa le go ja ba sa ja, ba supa go sena metsi kwa ba nnang teng.”

Mogokgo o ne a kopa mopalamente gore a ba thuse ka paka ya sekole ka gore ba utlwalela fela a aba kwa mafelong a mangwe,  ka jalo ba ipotsa gore o tlaa ba gopola leng.

O supile gore sekole sa bone se dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa, ka gore ba ne ba tsere maemo a ntlha ka 2016, ba tsaya maemo a botlhano ka 2017,mme ka 2018 ba tsaya maemo a bobedi mo dikoleng tse di masome mararo le bongwe tse di mo kgaolong ya bone.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse o ne a leboga Komiti ya Dithojane go bo ba bone go le botlhokwa go thusa bana ba sekole sa Dinokwane ka gore puso e le nosi ga a kake ya kgona ka go bo itsholelo ya lefatshe e santse e le kwa tlase, mme a ba solofetsa gore ga a a ba lebala ka paka ya sekole, e tlaa tla.

O nle a supa gore mo Serowe o abetse sekole se sebotlana sa Motetshwane ka segolo bogolo a lebile gore se na le bana ba ba nang le bogole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : SEROWE

Event : Kabo dimpho

Date : 01 Jul 2019