Breaking News

Tepo loapi e botlhokwa mo tshabeng

01 Jul 2019

Balemi ba masimo a Dikhung mo kgaolong ya selemisi kwa Machaneng, ba akgoletswe go dira ka natla go ntsha maungo le merogo ya bokete jwa dithane di ka nna  20 750  mo ngwageng wa 2018/19.

Kakgolo eo e dirilwe ke motshwarelela mothusa mookamela lephata la Tepo Loapi, Rre Radithupa Radithupa fa a ne a ema balemi bao ka lefoko go ba lemosa ka tsa lephata la gagwe kwa Pilikwe.

Rre Radithupa a re go lemotshega sentle fa kgaolo ya Machaneng e na le molemisi mogolo yo o itshetletseng, mme seo gape se e baya mo maemong a mantle go ntsha dijo tse dikalo tse di ka jesang lefatshe leno fa dikgaolo tse dingwe le tsone di ne di ka ntsha jone bokete joo.

A re go botlhokwa gore bone e le ba tepo loapi le balemi ba itse se tota se tlhokegang mo go ntsheng dijo go lebeletswe seemo sa loapi.

A re balemi ba tlhoka go itse ka go rulaganya go kata dimetshe ba lebeletse seemo sa dipula, mmu, phulo, dimela le tsotlhe tse di tlhokegang tsa lebopo.

A re bone e le ba tepo loapi ba lebelela  diphetogo tsa loapi gore a di supa fa balemi ba ka dika ba robile kana nnyaa. 

Rre Radithupa a re go le gantsi fa ba afa seemo sa loapi kana ba tlhalosa ka tsa temo, ba lebelela dilo di le dintsi, mme seo se ba fe sebaka sa go buisana le bomankge ba temo gore balemi ba leme dipeo tse di bogadi bogaufi.

A re mono ngwaga  leuba le shenne meno, ke gone ka moo puso e tsweletseng ka go fokoletsa balemi-barui ditlhwatlhwa, le gone go neela ba ba tshwanetseng go dira ditshekatsheko ka se se ka dirwang go tla ka maano a go lwantsha leuba, jaaka e tlhomile lekgogtla la Rural Development Council go lebelela seemo seo.

O ne a lebogela gore puso e eme ka dinao go thusa lephata la gagwe ka madi go itepatepanya le semo seo.

A re le bone ba dirile lenaneo la dingwaga tse tlhano go itepatepanya le tsa maranyane a segompieno a a tlhabolotsweng mo go tsa tepo loapi le diphetogo tsa lone.

Fa a tswa la gagwe, mmabalemisi yo mogolwane wa kgaolong ya legare, Mme Oarabile Letsatsi, yo gape e leng molemisi wa temo ya nosetso, o ne a kopa balemi go tsibogela go kwadisa ditema tsa bone ka nako.

A re kgwedi e ba ya go tswalela kwa ntle bao ba ba sa kwadisang, mme e bile ga ba na go ba duela.

O ne a supa fa mo letsemeng le le fetileng, ba duetse P65 million, mme ba santse ba tsweletse ka go duela ba ba saletseng morago. 

Mme Letsatsi o ne a supa fa ba ya go phakisa dipeo tsa mabele le dinawa.

A re dinawa, mabele, magapu le marotse ke dingwe tsa dipeo tse di bogadi bo gaufi, e bile di kgona go emelelana le leuba.

A re mefuta e mengwe ya dipeo jaaka lablab, le peo ya bojang le menontshane tsone balemi ba tlaa ikopanya le balemisi go ba fa dithekethana gore ba ithekele. 

O ne gape a tlhagisa ka seboko sa Fall Army Worm se a rileng se tlhoka tshwaragano go lwantshiwa. 

O ne gape a re balemi ba kgaolo ya legare ga ba gole, ba nnetse balemi ba babotlana ruri, le ntswa puso e dirisa madi a mantsi go ba lemela.

Molemisi o ne a tlhalosa fa moono mogolo wa letsatsi leo e ne e le go kopanya balemi, go amogana maele le go ba tsibosa ka tse di dirwang go tlhabolola temo-thuo. 

Balemi ba ne ba rutwa ka go dira manyoro le thuo ya diboko tse di dirang manyoro go tswa mo sebokong se sebidiwang Earthworm.

E ne e rile go le pele Kgosi wa Pilikwe, Kgosi Johane Rakumako a supa fa seemo sa phetogo ya loapi se ama go ntsha dijo ka bokete mo lefatsheng leno, le gone go digela thobo kwa tlase. 

O ne a gwetlha banana go inaakanya le temo ya maranyane a segompieno go ntsha dijo.

A re phetogo ya loapi e seka ya ba kgoba marapo, mme e nne thotloetso mo go bone.

Ba Botswana Bureau of Standards (BOBS) le bone ba ne ba le teng go tlhalosetsa balemi ka ditirelo tsa bone.

Mokhanselera wa kgaolo, Rre Ace Moinami o ne a gatelele botlhokwa jwa tiriso ya maranyane le gore Batswana ba tsee malebela. 

Tiro eo e ne e diretswe kwa tshimong ya ga Rre le Mme Opelo Bopadile. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : DIKHUNG

Event : Phuthego ya balemi

Date : 01 Jul 2019