Breaking News

Kgosi o lebogela maiteko a puso

27 Jun 2019

Kgosi Tebogo Steven wa kgotla ya Ikageleng kwa Selebi Phikwe a re o leboga puso go tshwarela lobelo lwa dikoloi lwa Toyota 1000 Desert Race kwa toropong eo ka go dira jalo go tsisa tsholofelo mo bathong morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL.

Kgosi Steven o buile jaana  kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi ka Mosupologo.

O supile fa Toyota 1000 Desert Race e ne e ngokile bontsi jwa batho go tswa kwa mafelong a a farologaneng, selo se se neng sa tsisa botshelo kwa Selebi Phikwe.

Kgosi Steven o ne a supa fa batho ba ka seka ba kgotsofala botlhe ka bangwe ba bagwebi ba ba botlana ba ne ba lela ka ditatlhegelo tse di kwa godimo fa bangwe ba ne ba bona dipoelo.

A re se, e tshwanetse go nna thuto mo bagwebing le barulaganyi ba lebelo gore e re mo nakong e e tlang, ba bo ba le malala a laotswe ka e ne e le lantlha ba kopana le tiro ya go nna jaana.

E rile a akgela mo mafokong a ga kgosi, Rre Molefhi a kopa batsadi ba ba neng ba kukegile maikutlo mabapi le ditsamaiso dingwe tsa khansele tse ba reng di ne di sa tlhamalala go wela dipelo ka ditshekatsheko tsa tiro eo di tlaa dirwa.

Rre Molefhi o supile fa bogogi jwa toropo bo ka seka jwa kgona ba le nosi mme go tlhoka gore le bone ba nne le seabe mo ditshekatshekong, go tswa ka megopolo e e ka tlang ya ba thusa mo nakong e e tlang.

Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o ne a rotloetsa morafe go inaakanya le tsa kgwebo jaaka puso e setse e tsere tshwetso ya go jesa bana sefitlholo mme go rotloediwa gore dijo tseo di rekwe mo go beng-gae.

A re se, se ka fetola matshelo a batho mme a ba rotloetsa go ela tlhoko gore se ba se rekisang ga se tsenye matshelo a bana mo diphatseng.

Rre Molefhi o supile fa go na le ditsha dingwe tsa madirelo tse di senang ditlamelo mme go solofetswe gore mo nakong e e seng kgakala go bo go ka bulelwa dikopo.

Kwa bofelong, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Phase 1/Itekeng, Mme Maserame Radithobane o ngongoregile ka borukutlhi mo kgaolong, a supa fa se se rotloediwa ke lefifi ka dipone tsa mo mekgwatheng di sa bereke.

Mme Radithobane o supile fa dirukutlhi di tsenelela batho mo matlong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 27 Jun 2019