Mokgatlho wa borre o gatela pele
27 Jun 2019
Ba mokgatlho wa Men Sector mo kgaolong ya Nhabe ba gatetse pele mo ditirelong tsa bone morago ga gore mokgatlho o tseye dingwaganyana o sa dire sentle.
Maloko a mokgatlho a e leng borre ba ne ba tsaya tshwetso ya go o tsosolosa ngogola ba sena go lemoga fa borre ba le bantsi ba tlhoka dithuso, e bile ba goga dinao go itlhatlhobela malwetsi a akretsa HIV.
Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Itumeleng Takhwiria o rurifaditse seo a re ba setse ba kgonne go le gontsi mo mananeong a bone.
O tlhalositse jalo fa a lekodisa maloko a mokgatlho mo bokopanong jo maikaelelo a jone e neng e le go tla go itshekatsheka go bona gore a mme ba gata sentle.
O tlhalositse fa ba ne ba tsosolosa mokgatlho ka ba ne ba lemoga fa borre ba angwa ke kgokgontsho ya malwapa mme ba aswa senku.
Gape a re ba ne ba tlhobaediwa ke dikgang tse di fatlhang tsa tlhakanelo dikobo ya borre le bana ba bannye.
A re fa ba simolola, go ne go se motlhofo bogolo jang ka bontsi jwa maloko a bone e le babereki, a tlatsa ka go re ba simolotse fela mo legoeleleng ba sena le fa e le thebe yo montshonyana.
A re letlhoko la madi ke kgwetlho e tona e e neng e ba paledisa go dira dingwe tsa ditirelo tsa bone mme a supa fa ka tshwaragano le thata ya Modimo ba kgonne dingwe tse ba neng ba di ipeile pele.
Rre Takhwiri a re ba kgonne dingwe tsa ditirelo tsa bone ka go tshwaragana le makalana mangwe.
O ikuetse mo go ba dikgwebo go ba tshologa mokgosi ka a re mokgatlho wa bone ga o dire madi kwa ntle ga dithuso go tswa kwa pusong, tse a reng ga di a lekana gore ba ka kgona maitlamo otlhe a bone.
Mothusa modulasetilo wa mokgatlho, Rre Obakeng Kheru o ne a nankola mangwe a mananeo a bone jaaka go rulaganya tlhatlhobo ya mogare wa HIV ya bakapelo ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, le bone bakapelo ba bong jo bo tshwanang.
A re lenaneo le lengwe ke go tshwarela borre kwa kgweleng ya dinao ya Sontaga ka jaana ba itemogetse fa ba ketemela kwa mabaleng ka bontsi.
A re nako e gorogile ya gore ba tsene motse le motsena go ralala kgaolo go rotloetsa tlhakanelo dikobo e e sireletsegileng.
Moruti wa kerekeng ya Lontone e bile e le mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti, Rre Boikobo Nthobatsang o ne a akgola komiti ya mokgatlho oo a re ba dira tiro e ntle thata.
O ba gwetlhile go tsena le mo dikerekeng a supa fa dikereke dingwe di seyo mo lekgotleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Tekodiso maloko
Date : 27 Jun 2019