Breaking News

Barui ba dikgomo tse di lekgolo le go feta ba ikentele

26 Jun 2019

Barui ba dikgomo tse di fetang lekgolo ba solofelwa go ikentela dikgomo tsa bone.

Fa a rola pego ya gagwe kwa bokopanong jwa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong yo e leng mokhanselara wa Boseja Legare, a re barui bao ba tlaa fiwa melemo ke ba lephata la matlhoko a leruo.

A re e ne ya re tshimologong ya Motsheganong ofisi ya matlhoko a leruo ya simolola go kentela dikgomo malwetse a kwatsi le serotswana, mme tsholofelo ke gore tiro e wele Phatwe a ya fifing.

A re tiro e, e tlaa akolwa fela ke ba ba nang le dikgomo tse di sa feteng lekgolo, mme o rotloeditse makhanselara go gakolola barui le botlhe fela ba ba ruileng dintsa go di tsisa kwa makentelong gore le tsone di kgone go bona mokento wa molafo.

Rre Morolong o ne a supa gore ka ntlha ya dipula tse di neng di le boutsana mme di patilwe ke mogote o o feteletseng monongwaga, ba lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo ba solofetsa kwelo tlase ya thobo mo kgaolong.

A re puso e tlhagisitse fa ngwaga wa madi wa 2018/2019 e le wa leuba, mme ya ntsha mananeo kgotsa dithuso tsa nakwana tse di lebaganeng balemi-barui jaaka go fokotsa ditlhwatlhwa tsa dijo le melemo ya leruo go tsweng kwa go 25 per cent go ya kwa go 35 per cent.

Mme dithuso tse di ne tsa atolosiwa go akaretsa dikgomo tsa mashi, barui ba dikoko le dikgwebo-potlana tsa dikolobe.

Modulasetilo wa khansele o supile fa lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, le le mo tirong ya go tlhabolola maranyane a a latedisang dintlha tsotlhe tse di amang botshelo le metsamao ya seruiwa - a Botswana Animal Identification Traceability System.

Rre Morolong a re ka jalo ditirelo dingwe tse di amanang le maranyane a, di tlaa bo di seyo mo phefong, mme barui ba tlaa nama ba sa kgone go tsenya dintlha tsotlhe tse di amanang le leruo di tshwana le boOmang ba basha.

“Ka jalo barui ga ba kake ba kgona go kwadisa ditshipi tse di sha.

Le fa go ntse jalo, ditirelo tsa diteseletso tsa metsamao ya leruo le ntshafatso ya ditshipi di tlaa bo di tsweletse ntleng le kgoreletsego, mme tsholofelo ke gore maranyane a bo a boetse mo tirisong kgwedi eno e fela,” a rialo Rre Morolong.

Rre Morolong o ne a tshwaela ka ofisi ya Omang, a re mo kgaolong ofisi e e kwadisitse dikarata tsa Omang di le 1 493, mo go tsone tse 199 e le tsa ba ba latlhileng dikarata, tse di sha tsone di le 272, mme tse di shafadiwang di le 1 022.

A re ntswa ngwaga o e le o o botlhokwa wa ditlhopho tsa setshaba, ofisi ya Omang e itemogela go nna maoto a tshupa ga baikopedi go tsaya boOmang ba bone.

“Ofisi e abile boOmang ba le 1 474, mme e santse e tshotse ba le 1 292,” a feleletsa ka go kopa setshaba go tsaya dikarata tsa bone, ka go le botlhokwa mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi le gone gore ba seka ba tloga ba ithontsha tshwanelo ya go tlhopha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : bokopano jwa khansele

Date : 26 Jun 2019