Breaking News

Ba kopiwa go rekegela ditlhwatlhwa tsa ditirelo

26 Jun 2019

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Hukuntsi, Mme Goratwamang Tlhage a re khansele e tshwenngwa ke bagwebi ba ba lopang madi a a tsitsibanyang mmele, segolo bogolo fa ba rekisetsa puso dithoto.

O ba gwetlhile go rekegela ditlhwatlhwa tsa bone gore dikgwebo tsa bone di tle di gole.

Mme Tlhage o buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa Ukhwi bosheng jaaka khansele e ne e isitse ditlamelo gaufi le setshaba.

Mme Tlhage a re ba tlhaloganya seemo sa banni ba ba nnang mo metseng e e kgakala le ditlamelo gore dikgwebo tsa bone ga di na mebaraka, ka jalo ba beile thata mo pusong go ba namola leuba.

O ne a tshwaela gore jaaka puso e sa tswa go simolodisa lenananeo la go ja sefitlholo ga bana kwa dikoleng tse dipotlana, ka maswabi bagwebi bangwe ba rekisetsa puso lee le le lengwe ka P10.

A re le fa go le jalo, ga ba a tshwanela go paralatsa menwana  jaana ka puso le yone e tlhaelelwa ke madi.

O ne a ba tlhalosetsa fa puso e leka go ba nonotsha mo dikgwebong tsa bone.

A re fa ba ka tswelela ka mokgwa oo, ba tlaa bo e le baipolai ba ba sa lelelweng, ka jaana puso e tlaa retelelwa ke go reka dithoto le ditirelo tsa bone, mme ba felele ba tsaya bagwebi kwa ntle ga metse ya bone.

O ne gape a rotloetsa banni ba motse go tlhokomela dithoto tse ba di filweng go ka ba thusa go inamola mo lehumeng.

A re mananeo ao, a ne a tlhamelwa go thusa banni ba metse e e kgakala le ditlamelo gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone.

Ka jalo, o ne a ba gwetlha go tsaya mananeo ka tlhoafalo.

O ne a tlatsa ka go re ba dirise lenaneo la SHHA, le gone gore ba thomamaisa gore ba romela tsotlhe tse di tlhokafalang le gone go obamela melao ya dituelo gore puso e tle e kgone go thusa ba bangwe.

O tlhaloseditse batsadi fa ba tshwenngwa ke kwelo tlase ya maduo a bana mo kgaolong ya bone, ka jalo a gwetlha batsadi le ba-na-le seabe ka kakaretso go tsenya letsogo mo thutong ya bana.

Mme Tlhage o ne gape a ba tsibosa ka dikgang tse a reng di golela pele tsa kgokgontsho ya bomme, bana gammogo le bone borre.

O ne a gwetlha borre go nna ba ntsha ka tlhaa fa ba kgokgontshiwa kwa malwapeng le gone gore batsadi ba fokotse nnotagi ba tlhokomele malwapa.

O ne a gwetlha batsadi go tlhomamisa gore ba godisetsa bana mo tikologong e e babalesegileng le gone gore borre ba ikgaphe mo go tlhakaneleng dikobo le basetsana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.

O ne a tlhalosa fa go itlhokomolosa molao go tlaa dira gore ba lelelwe ke ditshipi, mme ba felele ba ya go disa poo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : UKHWI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jun 2019