Breaking News

Tsayang tsia mananeo a nyeletso lehuma

26 Jun 2019

Go lebega bangwe batho ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma ka go farologana ba tsweletse ka go akola maduo a one.

Le fa go ntse jalo, mongwe wa ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma kwa Ramokgwebana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, o akola maduo a lone.

O gakolotse ba ba thusitsweng ka lenaneo lepe fela go tsaya tsia mananeo a bone gore ba kgone go a sola molemo.

Mme Molina Johnson, yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2013 mme dira kgwebo ya kapei ya borotho, o gakolotse jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng.

Mme Johnson a re ga go maleba gore e re batho ba sena go thusiwa ka lenaneo, ba bo ba solofela go nna ba setswe morago go dira tse ba tshwanelwang ke go di dira mo dikgwebong.

A re ba tshwanetse go ititaya ka thupang go godisa dikgwebo tsa bone gore di kgone go ba inola mo lehumeng.

A re ba ba thusitsweng ka mananeo ga ba a tshwanela go ithela moriti o tsididi, ba gabile gore bodiredi bo ba thuse ka sengwe le sengwe se se ka nnang le seabe mo go tswelediseng dikgwebo tsa bone.

Mme Johnson o ne a fa bopaki jwa ka fa lenaneo leo le mo ntshitseng mo seemong se a neng a le mo go sone sa lehuma ka teng.

O supile fa a kgonne go itirela dilo di le mmalwa tse di akaretsang go ikagela semausu le go tlhabolola matlo a gagwe.

Monni mongwe wa Ramokgwebana, Mme Esnat Buka, yo o dingwaga di masome a matlhano le motso, le ene fela jalo, o ne a supa fa a akola maduo a lenaneo la nyeletso lehuma.

A re o ne a thusiwa ka lenaneo la thuo ya dipodi ka 2017.

A re o ne a fiwa dipodi di le lesome le botlhano, mo go tsone tse di lesome le bone e le tse di namagadi.

O bolela fa dipodi tsa gagwe di atile, ka jaana mo nakong eno di setse di tsamaela masome a mararo, mme e bile a setse a kile a rekisa tse dingwe go bona letseno le ka lone a kgonneng go thiba fale le fale mo lwapeng.

Mme Buka a re le ntswa a leka bojotlhe go tlhokomela dipodi tsa gagwe, fela o tlhorontshiwa ke bophokoje, ba a boletseng ba tlhasela bobe ka selemo.

Le fa go ntse jalo, Mme Buka a re fa a ka bona letsenonyana la madi o tlaa netefatsa gore o di rekela dijo go di jesetsa mo sakeng go laola metsamao ya tsone.

Kwa Kgari, e ntse e le kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba banni bangwe ba le bararo ba motse oo le bone ba ne ba seka ba ipona tsapa go inaakanya le lenaneo la nyeletso lehuma go tlhabolola matshelo a bone.

Bomme Hluphekile Chiraga, Annah Mankolo le Simanga John ba ne ba ipopa setlhopha mme ba leba kwa ofising ya tsa bong, kwa ba neng ba thusiwa go simolodisa kgwebo ya go adimisa tante ka 2017.

Mme Chiraga a re ba ne ba isiwa kwa ithutuntshong ya dibeke tse pedi, go fiwa lesedi la ka fa tante e dirisiwang ka teng.

O ne a kopa maphata a puso go ba rotloetsa ka go ba neela dithendara gore le bone ba kgone go godisa kgwebo ya bone.

Mme Chiraga a re mowa wa bone wa go bereka ba le seopo sengwe ke one o thusang kgwebo ya bone go tswelela.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ramokgwebana, Rre Jaha Chakalisa o ne a re le ntswa lenaneo la nyeletso lehuma le goroga kwa motseng wa bone, fela ba thobaediwa ke tiego ya go thusiwa ga baikopedi.

Le fa go ntse jalo, Rre Chakalisa o ne a akgola baikopedi ba e reng ba thusitswe ka mananeo, ba dire bojotlhe go netefatsa fa ba batla go ipona ba inogile mo seemong se ba leng mo go sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 26 Jun 2019