Ba ipaakanyetsa ditshupo
26 Jun 2019
Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa temo thuo tsa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Rre Fraser Kgogobi, a re komiti e tshwaragane le maphata a puso le a a ikemetseng, e baakanyetsa ditshupo tsa monongwaga, tse di tlaa tshwarwang kgwedi eno e ya fifing kwa Tshane.
Mo puisanyong le BOPA, Rre Kgogobi a re ntswa lefatshe leno le ikaegile ka di-tswa mmung, puso ga e a kgapela temo-thuo ntle.
A re letsema le tsweletse go tsosolosa serodumo sa yone, gape e le tsela nngwe ya go rotloetsa setshaba go godisa le go tswakanya itsholele ka ditirelo tse di farologannyeng.
Ka jalo, a re ba sega tema ya go diragatsa maitlamo a puso ka go rutuntsha balemi-barui ka methale e e tlhabolotsweng e ka yone ba ka bonang maduo a a nametsang mo temo-thuong.
A re ka maswabi, kgaolo ya Kgalagadi Bokone e ne ya salela kwa morago mo go tswelediseng ditshupo, ka jalo, ba simolotse ngogola mme e bile ba itlamile gore di tlaa tshwarwa ngwaga le ngwaga.
Rre Kgogobi o supile fa seemo sa temo-thuo mo kgaolong ya bone se sa jese diwelang ka jaana balemi-barui ba santse ba saletse kwa morago go ka tlhabolola temo- thuo go nna kgwebo.
A re ditshupo ke tsela nngwe ya go ngoka balemi-barui go tla go tsaya malebela le go amogana maele ka fa ba ka tlhabololang temo-thuo go nna e ba ka gwebang ka yone.
Rre Kgogobi o tlhalositse fa ditshupo tse, di tlaa simolola kgwedi eno e le masome mabedi le bosupa go fitlha kwa go masome a mabedi le boferabobedi.
O ne a supa fa malatsi a mabedi a ditshupo e tla a bo e le a dithuto-puisanyo tse di tlaa bong di eteletswe pele ke ngaka ya matlhoko a leruo yo o ikemetseng, Dr Gaseitsewe Sento, le barutuntshi ba bangwe go tswa kwa lephateng la tlhabololo temo-thuo le dijo.
A re dithuto tse di tlaa bo di leka go nosetsa thuto ya go tlhabolola temo-thuo, le gone go ba rotloetsa go inaakanya le methale e meshwa ya temo-thuo go ka tswelela ba ntsha dijo ba itepatepantse le phetogo ya seemo sa loapi.
Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa ditshupo tse di tlaa bulwa semmuso ka Matlhatso ke Mookamedi wa Banka ya Stanbic, Rre Samuel Minta.
O ne a tlatsa ka go re go tlaa nna le ditiragalo di tshwana le mabelo a dipitse, disupiwa tsa bodiragatsi, botaki, le tsa temo-thuo.
Rre Kgogobi o supile fa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka barotloetsi.
A re gompieno barotloetsi ba bone ke ba CEDA fela, ka jalo a gwetlha bagwebi le ba ba ikemetseng ka nosi go ba tswa thuso.
A re seo se ka ba tlodisa melatswana mme ya re isago ba kgona go ikemela.
Fa a tswa la gagwe, mookamela ofisi ya CEDA wa Kgalagadi, Rre Tuelo Rabaloi o ne a supa fa ngogola ba ne ba rotloetsa ditshupo tseo ka P50 000, mme tsholofelo ke go tswelela ba ntse ba thusa.
O ne gwetlha komiti go ntsha ga tshwene mo ditirong tsa bone gore ba kgone go ngoka barotloetsi.
Mo go tse dingwe, a re balemi- barui ba Kgalagadi, segolo ba Kgalagadi Bokone, ba santse ba le maoto a tshupa go kopa dithuso kwa CEDA go tokafatsa temo-thuo.
A re balemi-barui go tswa Kang le kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba a iteka le fa go sa lekana.
Ka jalo, o ne a gwetlha balemi- barui go ititaya ka thupana go di goga kwa pele mo ditshupong tse, ka jaana se se ka ba fa sebaka sa go tla go tsaya maele mo go ba ba setseng ba bone dithuso tsa CEDA.
Ditshupo tse di tlaa bo di tshwerwe ka setlhogo se se reng; Go Godisa go Gweba ka Mhama wa tsa Temo-Thuo, Botaki le Bodiragatsi, ke Tsela Nngwe ya Konokono go ka Godisa Mowa wa Boipelego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Potsolotso
Date : 26 Jun 2019