Kgang ya polasi e tlaa wela - Kwerepe
26 Jun 2019
Banni ba Somelo mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba boleletswe fa kgang ya gore ba thusiwe ka go teratelelwa nngwe ya dipolasi e tlaa wediwa mo bogaufing.
Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding, e bile e le mopalamente wa Ngami, Rre Thato Kwerepe o boletse jalo mo phuthegong ya kgotla a supa fa kgang e e tswa kgakala.
O boletse fa a ne a ikgolaganya le tona yo o maleba, mme a supa fa mo bogaufing a tlaa etela banni go rarabolola kgang eo.
Banni ba motse oo ke Basarwa, mme ba akola meamuso ya puso jaaka go neelwa leruo le go sielwa metsi.
Banni ba ne ba ikuela mo go tona mo diphuthegong tse di fetileng, ba kopa puso go ba teratelela nngwe ya dipolasi gore ba kgone go ruela mo go yone.
Rre Kwerepe a re o dumela gore fa ba ka thusiwa ka polasi eo, go tlaa dira gore dikgomo di tswe mo motseng, a tlatsa ka go re go ka ba thusa gape go bona dipoelo tse di botoka ka nako ya thekiso, mme ba kgone go tlhabolola matshelo a bone.
O boletse fa dikgang dingwe di tsaya nako gore di wediwe, mme a kopa banni go nna pelotelele le go nna ka tsholofelo.
O ne a supa sekai ka kgang ya go simolodisa motse wa Xhorotsha, a re o na le tsholofelo ya gore e tlaa wediwa.
A re maikaelelo a puso ke gore banni ba lese go bereka kwa dipolasing ba tlhokomele leruo la bone.
Banni ba ne ba lela gape ka tsela e e golaganyang motse wa bone le Maun, ba re seemo sa teng ga se jese diwelang, mme mothusa tona o ne a dumalana le bone ka kgang eo.
A re puso e dira maiteko go ntsha mananeo le ditiro, sebe sa phiri ke badiragatsi ba mananeo le ditiro ka jaana ba sa dire se se dumalanweng.
Rre Kwerepe a re bothata jwa tsela eo ke gore go dirisiwa mebu e e senang boleng le ntswa go na le mebu e e nonofetseng go ka dirisiwa mo metseng e tshwana le Bodibeng le Bothatogo gore tsela e itsetsepele lobaka.
O tlhalositse fa bomankge ba ditsela e le bone nang le mosi wa kgong tse di metsi ka jaana ba dumalana le boradikonteraka gore ba dirise mmu o o senang boleng le ntswa ba ka bo ba ba gakolola gore ba dirise dilo tsa boleng jo bo rileng.
O ne gape a supa fa a sa itumelele go utlwa fa baithuti ba sekole sa bananyana ba sena mo ba kwalelang teng. A re puso e simolodisitse dikole tseo ka e lemoga fa e le matlhagola tsela mo thutong.
E ne e rile go le pele, Kgosi Mokhutshwane Komee a kopa gore kgang ya polasi e itlhaganelelwe ka jaana e ka ba thusa go lwantsha lehuma le tlala.
O ne a fa sekai ka polasi ya East Hanahai kwa kgaolong ya Ghanzi, a re banni ba tshela sentle e bile ba kgona go aga le one matlo a bodiredi.
A re ga ba batle go ikaega ka dithuso tsa puso fela, mme ba batla go bonala ba nna le seabe mo tlhabololong ya motse wa bone.
Kgosi o ne a lela ka tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, a tlhalosa fa go le gantsi ba thusiwa ke badiri ba ba tswang Maun le Makalamabedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : SOMELO
Event : phuthego ya kgotla
Date : 26 Jun 2019