Breaking News

Tiriso ya bana botlhaswa e a tshwenya

26 Jun 2019

Mooki yo mogolwane wa kokelwana ya Moeti kwa Maun, Mme Gontle Tsheko a re go rontsha ngwana go akola ditshwanelo tsa gagwe ke molato.

A re go rontsha bana thuto ka go dira kwa merakeng le go ba dirisa mo go tsa tlhakanelo dikobo ke molato o motho a ka o sekelang a bo a atlholelwa kgolegelo.

O boleletse jalo banni ba Shorobe mo phuthegong gore ba ba rontshang bana ditshwanelo ba emise go dira jalo.

Mme Tsheko o kopile Batswana ka kakaretso go tshwaragana gore ba lwantshe le go sireletsa diemo tsa mofuta oo, ka di kgoreletsa bana go akola botshelo ka tshosologo.

A re diemo tsa go dirisa bana botlhaswa le go ba dirisa mo masimo di senyetsa bana bokamoso.

O boletse fa metse mengwe mo kgaolong ya Ngami e amega mo dikgannyeng tseo ka jaana batsadi bangwe ba itlhokomolosa ditshwanelo tsa bana mo go tsa botsogo, thuto le yone kgodiso.

Mooki wa kokelwana ya Matsaodi, Mme Mmabotswana Rankgomo o kgadile batsadi bangwe a re ba dirisa bana ditiro tse di lekaneng go dirwa ke bagolo.

O kopile batsadi go emisa mokgwa oo, a re go dira jalo ke go gataka ditshwanelo tsa ngwana.

A re tiro e tona ya bone ke go netefatsa gore ngwana o a tlamelwa  mo go tsa thuto, botsogo, le gone go godisiwa sentle.

O kopile bomme go emisa go tshepha mo go feteletseng.

A re batsadi bangwe, bogolo jang ba masika, ba kgona go felela ba dirisa bana botlhaswa.

A re sebe sa phiri ke gore bomme ba piba mpa ka mabele ba sa phunye sekaku gore go tsewe dikgato tse di maleba.

Mme Rankgomo a re mo dikokelwaneng ba itemogetse bothata jwa boimana jwa basetsana, ba imisitswe ke makolwane.

A re makolwane ao a tsamaya le bomme ba bone kwa dikokelong, mme go nne jaaka ekete ke monna le mosadi.

O kopile batsadi go kgalema dilo tse di fatlhang, a re bana ba basetsana ba tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng ka ba tshabelelwa ke dihawa.

A re bomme ba netefatse gore ba phirimelelwa mo malwapeng.

E ne e rile go le pele, Kgosi Molatedi Dingalo a lebogela dithuto tsa baoki, a re di tlaa bula banni matlho le ntswa ba sa tla ka dipalo tse di nametsang.

O kgothaditse botsadi go nna ba tsenelela ditiro tsa mofuta oo, ka dikgang tsa bana di a tshwenya.

Mokhanselara wa kgaolo, Rre Oabile Chomboa le ene o ne a lebogela thuto a re dikgang tsa bana di tshwanetswe tsa tsibogelwa ka bofefo.

A re go botlhokwa go tlosa dikgoreletsi tsotlhe tse di amang kgodiso ya ngwana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : SHOROBE

Event : phuthego

Date : 26 Jun 2019