Breaking News

Lephata le simolodisa ditekeletso tsa go kganela kgotlholo e tona

25 Jun 2019

Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Mokhanselara Mpho Morolong wa Boseja Legare a re lephata la botsogo le boitekanelo le tlaa simolodisa ditekeletso dingwe go kganela kgotlholo e tona go tsena mo bathong ba ba tshelang ka HIV.

Fa a bua kwa phuthegong ya khansele ka Mosupologo, Rre Morolong o tlhalositse fa ditekeletso di solofetswe go simolola mo kgweding ya Phukwi monongwaga, kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial le kwa dikokelwaneng tsa Morwa, Bokaa, Modipane, Rasesa, Phaphane, Boseja 1 le 2, Mochudi, Makakatlela, Malotwana, Oodi le Makgophana.

A re lenaneo le le tlaa lekelediwa pele mo kgaolong ya Kgatleng le ya Borwa Botlhaba, tsholofelo e le gore e atolosiwe le mafelo a bookelo lefatshe ka bophara Ferikgong ngwaga e tlang.

Rre Morolong o rotloeditse setshaba go atla maiteko otlhe a puso, a go fokotsa seemo sa mogare le bolwetse jwa AIDS mo kgaolong le mo lefatsheng ka bophara.

A re go maswabi go lemoga fa go santse go na le bangwe ba ba kgalang maiteko a puso a go lwantsha bolwetse ka ditsela tse di farologaneng.

Rre Morolong a re diemo tse tharo tsa masea a a tshotsweng ka mogare mo ngwageng ono, ke sesupo sa bomme ba ba sa tseyeng lenaneo la thibelo mogare go tswa go mmangwana go ya kwa loseeng ka tlhoafalo.

Rre Morolong o tlhalositse fa kgang ya boimana jwa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase kwa Oodi, Artesia, Boseja, Rasesa le Makakatlela e sa jese diwelang.

A re ba botsogo mo kgaolong, ba ikemiseditse go oketsa dithuto tsa tlhakanelo dikobo, bogolo jang di itebagantse le one morole o mosesane. 

Rre Morolong o kopile makhanselara go ema ka dinao, ba bua ba sa kgale mathe kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya bana.

A re bana ba tshwanetse go sirelediwa mo diemong dipe fela tse di ka amang matshelo a bone ka tsela e e sa siamang ka e le bone bokamoso jwa lefatshe.

O tlhalositse fa selekanyo sa kanamiso ya melemo mo kgaolong e le masome a supa le bosupa mo lekgolong, a tlatsa ka gore seemo sa melemo e dirisediwa go boloka matshelo se masome a fera bobedi le boraro mo lekgolong.

Rre Morolong a re tlhaelo ya melemo kwa mabolokelong a Central Medical Stores, ke yone e bakang tlhaelo mo dikokelong, mme kgaolo e tla tswelela e reka mo bagwebing ba ba mo kgaolong go oketsa melemo.

A re kokelo ya Deborah e tsere tshwetso ya go neela ditirelo tsa go tshujwa ga leswe la bongaka bagwebi ba ba ikemetseng, morago ga go senyegelwa ke motshini o o tshubang leswe ka kgwedi ya Moranang.

Mo go tsa tikologo, Rre Morolong a re khansele ka thuso ya maphata a mangwe a puso e mo legatong la go baakanya mokwalo wa ikopelo tiro ya go atolosa lehuti la matlakala kwa Pilane.

A re tsholofelo ke gore tiro e e tlaa phatlaladiwa le go rekisediwa baikopedi pele ga kgwedi ya Phukwi e fela.

Rre Morolong a re khansele mmogo le ba sepodisi le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ba tsweletse ka go tswa ka mananeo a go lwantsha go leswafatsa tikologo.

A re mo ngwageng wa 2018/19 khansele e ne ya thapa bagwebi ba babotlana ba itebagantse le tshelo matlakala ba le 52 mo kgaolong yotlhe. 

O tlhalositse fa go ne ga thapiwa dikoloi tsa ditonki di le thataro go thusa ka matlakala mo metseng e e kgakala le ditlamelo.

Rre Morolong o kopile setshaba go duelela ditanka tsa matlakala ka tlhwatlhwa e e fokoditsweng ya P200, yo o duelwang gangwe mme ba akole go tseelwa matlakala dingwaga tse pedi.

O lebogile ba Debswana ka go bo ba ba file ditanka tsa matlakala di le 1 000 go kgona maikaelelo a bone a kgaolo e e phepa go sireletsa botsogo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MOCHUDI

Event : phuthego ya khansele

Date : 25 Jun 2019