Mapodisi a Moshupa a abela motlhoki
25 Jun 2019
Kgosi wa kgotla ya Mogaung kwa Moshupa, Rre Felix Bome a re go botlhokwa go abela ba ba dikobo dikhutshwane.
Rre Bome o tlhalositse se mo bosheng kwa modirong wa go abela bana ba lelwapa lengwe ba ba neng ba latlhegelwa ke mmaabo yo o neng a bereka e le moithaopi wa twantsho borukutlhi, Mme Malebogo Montsho.
O tlhalositse fa mme yoo a tlogetse masea a le mararo, ka jalo ba sepodisi sa Moshupa ba bona go tshwanela go ba rekela diaparo tsa mariga.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodisi a Moshupa Supt. David Ramoseki a re sepodisi sa Moshupa le ba twantsho borukutlhi ba bone go tshwanela gore ba abele bana le nkuku wa bone tse ba di tlhokang.
“Maikemisetso a rona ke go bona lelwapa le le tswelela le tshela sentle le bana ba tshela sentle, ba bo ba atlega mo botshelong sehularong sa ga mmaabo,” ga tlhalosa Rre Moseki.
O lebogetse botlhe ba ba neng ba tsere karolo mo modirong le gone go kgothatsa ba lelwapa loora Montsho go tshwara ka thata le go atlega mo go tse ba di dirang.
Modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi mo kgaolong, Kgosi Motlhatlhobi Boitshepho a re ba tshwanetse go sala morago motlhala o o setseng o segilwe ke Rre Ramoseki le badiri ka ene.
O ne a re go botlhokwa go kopanya ditlhogo go direla botlhe ba ba tlhokanang le thuso, bogolo jang fa ba le mo mathateng.
A re go molemo gore sepodisi sa Moshupa se bo se itsewe ka go dira ditiro tse di ntle tse ba di dirang.
O ne a ba rotloetsa go tswelela ba lekola boora Montsho.
Mme Itumeleng Montsho o ne a leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo modirong o.
O ne a tlhalosa fa a lebogela dimpho tsotlhe tse di fiwang bana.
“Mmaabo o re tlogetse re sa solofela, rotlhe re ne re setse fela ka kgakgamalo le mahutsana,” a tlhalosa.
O ne a rotloetsa ba sepodisi go tswelela ba lekola bana le go bona gore a ba tsogile sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keamogetse Ketshabang
Location : MOSHUPA
Event : Modiro wa go abela bana
Date : 25 Jun 2019