Breaking News

Bale feta sekete ba akotse SHHA

25 Jun 2019

 Go bolelwa fa go simologa ka 2001, lenaneno la SHHA le akotswe ke batho bale 1 524 kwa Kgatleng.

Fa a rola pego ya gagwe kwa bokopanong jwa khansele ya Kgatleng ka Mosupologo,  modulasetilo Rre Mpho Morolong o tlhalositse fa kgwetlho kgolo e le go tlhoka go busa madi a dikadimo tsa lenaneo ke ba ba le akotseng.

O kgothaditse botlhe go busa madi a lenaneo ka a dirisiwa go thusa ba bangwe ba ba emetseng dithuso tsa SHHA.

Rre Morolong o a re lenaneno la nyeletso lehuma le le itebagantseng le go thusa baikopedi go ikagela bonno, le thapile batho ba le masome mararo le bongwe mme go molemo go lemoga fa ba le masome mabedi le bobedi ba kgonne go ikagela matlo ka lone lenaneo leo.

O tlhalositse gore tshimolodiso ya lenaneo le kwa Mmathubudukwane e fa pele ga lekgotla la ditsheko morago ga go nna le ngongora ya moagi yo o neng a ikopetse tiro ya go aga lefelo le tiro e tlaa direlwang mo go lone.

Rre Morolong o ne a tshwaela ka ditiro tse dikgolwane tsa goromente yo motona, a supa gore tiro ya kago ya seporo se se yang kwa mantsweng a Tshele sa boleele jwa 14km e wetse, mme lephata le tlaa bo le beile tiro e leitlho go fitlhelela Morule ngwaga ono, go lepa matshwenyego le tse di sa dirwang sentle.

O lebogile ba Botswana Railways go tsibogela seemo sa dikotsi tsa diterena, bogolo jang mo kgaolong ya Morwa ka go simolodisa tiro ya go aga sekganedi le go tsenya maranyane a a tlerebetsang go lemotsha ba ba tlolang seporo fa terena ele gaufi le makgabaganyo.

“Tiro e simolotse kgweding eno mme e solofelwa go wela Phukwi a fela,” ga rialo Rre Morolong.

Modulasetilo wa khansele o tsweletse a supa gore konteraka ya tiro ya go atolosa motlakase kwa Ramonaka e abilwe, mme tsholofelo ke gore tiro e tlaa simolola mo bagautshwaneng.

A re tiro e nngwe gape ya go godisa mafaratlhatlha a motlakase ka go tsenya teransefomara ya five MVA 33/11 KV kwa seteitshaneng sa motlakase sa Pilane le yone e abilwe, mme tsholofelo ke gore teransefomara e tla goroga pele kgwedi ya Seetebosigo e wela.

Rre Morolong a re tiro ya go tsenya phaephe ya metsi kwa Bokaa e mo selekanyong sa 89 per cent.

A re tiro e e ne ya diiwa ke lentswe le le thata le le ikadileng fa pompo e tsamayang teng le go fudusiwa ga mafaratlhatlha a ditirelo tsa metsi le tsa motlakase.

“Tsholofelo ke gore pompo e tlaa lekelediwa go tsenngwa mo tirisong kgwedi eno, mme ditanka le dipompo di tlaa tsena mo tirisong Phukwi a fela,” ga tshwaela Rre Morolong.

O tsweletse a itsese makhanselara fa dithulaganyo tsa go sekaseka molelwane wa mela ya ditsha ka fa molaong jaaka o supilwe ke moalo o o neng wa ntshiwa fa go simolodisiwa tiro ya go seegela thoko kgaolo go nna lefelo la ditogamaano tsa lefatshe.

A re molao o, o tlaa tlhalosa mafelo a a amegang mo kgannyeng e, mme e tlaa re pheletsong, go dirwe mealo ya metse yotlhe e e amegang.

O kgothaditse makhanselara gore ba gakologelwe gore diphetogo tse di raya gore ga go kitla go dirwa ditlhabololo dipe tse di amang lefatshe le phetolo tiriso lefatshe di sa lebelelwa le go rebolwa ke komiti e e itebagantseng le tlhabololo lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : Bokopano jwa khansele

Date : 25 Jun 2019