Bagwebi ba babotlana ba re ga ba a boelwa ke sepe
24 Jun 2019
Lebelo la dikoloi la Toyota Kalahari 1000 Desert Race, le le itsegeng ka Mmantshwabisi le ne la phutha barati ba lone go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe leno ga mmogo le mafatshe a mangwe.
Ba dikgwebo tse dipotlana le bone ba ne ba seka ba batla go salela kwa morago mme ba ikaelela go roba sengwe mo malatsing a mararo a lebelo le le neng le tshwerwe ka one.
Le fa tshologelo e ne e le kwa godimo, bagwebi ba babotlana, bogolo jang ba ba neng ba tlhoma metlaagana ya bone kwa lebaleng la Sam Sono kwa Phikwe le mabelo a neng a simologa a bo a felela teng, ba ne ba ipoela fela ba iphotlhere.
“Re tsene mo lebaleng ka Labotlhano, mathata batho ba ba neng ba rekile diteseletso ba ne ba le bantsi thata gape le theko e ne e le boutsana,” go bua jalo Mme Ini Ntoisang.
Mme Ntoisang, yo o neng a tswa Francistown go tla go rekisa, a re o dirisitse madi a mantsi go reka dijo ka tsholofelo ya gore theko e a go nna teng.
A re o feletse a tsholola bogobe jo a neng a bo apeile, ka bo ne jwa lala fela go sena ope yo o bo rekileng.
A re bothata jo a bo itemogetseng ke gore khansele ya Selebi Phikwe e ne ya ntsha bagwebi ba babotlana fa lebaleng, go twe fa ba teng go tlaa bo go ema dikoloi.
A re o nile a tshwanelwa ke go fuduga fa a neng a bone phatlha teng a ya kgakala le lebala, ka jalo kgwebo ya amega.
Mogwebi yo mongwe yo mmotlana, Mme Maitumelo Sebetlela yo o neng a tswa Palapye, le ene o ne a lela sa ga Ragele, a re ga a a bona le fa e le sepe.
A re lebelo le batla kgwedi e fedile batho ba le bantsi ba na le madi.
A re khansele le yone e tshwanelwa ke go tokafatsa seemo se ka gore bangwe bagwebi ba ne ba ipeile fela ba sa reka diteseletso.
Mme Sebetlela a re se ga se a siama ka gore ene o duetse teseletso ya P100, mme ba ne ba tladiwa ke batho ba ba sa rekang diteseletso.
A re mme legale o ithutile go le gontsi ka kgwebo, a re o kgonne go lemoga gore o ka dira botoka jang ngwaga o o tlang.
A re bareki ba na le nako e ba rekang ka yone le dijo tse ba di ratang.
A re gape bagwebi ba babotlana ba tlhokile morero le kitso ka lebelo le, a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba ne ba sa itse tsela e dikoloi di yang go tsamaya ka yone, gore ba kgone go rekisa kwa mafelong a batho ba neng ba lebeletse dikoloi di feta kwa go one.
A re bontsi jwa batho ba ne ba tswa mo lebaleng la Sam Sono ba ya kwa mafelong ao, ka jalo ga nna thata go rekelwa.
Mme Temogano Mokgoro yo e leng mogwebi mo Phikwe e bile a rekile teseleto ya motlaagana go bapa fela le lebala la Sam Sono, a re kgwebo e nnile botoka ka Matlhatso go na le Labotlhano le Tshipi, ka tshologelo ya batho mo Phikwe e ne e le ntsi.
A re bontsi jwa batho ba ne ba rekisa dijo tse di tshwanang, gape ba ne ba iteisana borathana le dikgwebo tse ditona, a re batho ba ne ba reka thata kwa mabentleleng.
Mme Mokgoro a re lebelo le le lesha mo Phikwe, ka jalo nako e e tlang o tlaa bo a itse gore o ka dira pharologanyo e e ntseng jang.
Mogolwane wa khansele ya Phikwe, Rre Mozondic Moswete a re khansele e ne e ntshitse diteseletso tsa P100 di le 926 le tsa P150 di le masome mararo le boferabobedi, ga mmogo le tsa nyeletso lehuma di le masome mabedi le bongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Mmantshwabisi
Date : 24 Jun 2019