Mmino wa polka o gola ngwaga le ngwaga
24 Jun 2019
Go ne go osha logong go sala molora ka Matlhatso kwa holong ya Tsabong Unified jaaka ditlhopha tsa mmino wa Polka le Nama Staap, go tswa mo dikgaolong tse di farologanyeng tsa lefatshe leno, di ne di iteisanya borathana go ipatlela phatlha kwa makgaolakgannyeng a mebino eo a malatsi a ga Tautona kwa Gaborone ka Phukwi.
Mogokaganyi wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Betty Gaotilwe o tlhalositse fa maikaelelo magolo a dikgaisanyo tseo e le go somarela, go rotloetsa, go godisa le go tsosolosa ngwao.
Mme Gaotilwe o ne a tlhalosa fa gape e le go lemoga motswako wa ngwao e e nonneng e e bopilweng ka dingwao tse di farologanyeng mo lefatsheng leno.
O ne a supa fa mhama wa bodiragatsi, botaki le ngwao, o ka nowa moro ka o felela o tokofatsa itsholelo ya lefatshe leno, le go araba letlhoko la ditiro, ka badiragatsi ba felela ba itshetsa ka ditalente.
Mme Gaotilwe o ne a kaya fa moono wa dikgaisanyo tseo gape e le go katolola ditalante tsa bodiragatsi jo bo farologanyeng, a kgothatsa badiragatsi go tshwaragana gore ba kgone go itshetsa ka ditiro tsa bone.
Mmino wa Polka, o o tsholeditseng serodumo sa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, o tsweletse ka go gola ka o kgatlhegelwa ke merafe e e farologanyeng ya lefatshe leno.
Ditlhopha tsa mmino o di simologile fela ka ditlhopha di le tharo ka 2011, go tswa mo Kgalagadi Borwa, mme ngwaga ono o godile go nna ditlhopha di le masome a mararo le botlhano, fa ditlhopha tsa Nama Staap tsone di godile go tswa mo setlhopeng se le sengwe sa Lokgwabe, go tswa kgaolong kwa Kgalagadi Bokone, go ya kwa go tse nne.
Setlhopha sa Kalahari Dancers, go tswa kwa Struizendam se ne sa tsaya maemo a ntlha ka 94 per cent, fa maemo a bobedi a ne a gapiwa Gerient met ons go tswa Gakhibana ka 90 per cent, mme sa longwa serota ke Remmogo go tswa kwa Gantsi ka 89 per cent, fa maemo a bone a gapilwe ke Reimvas Mark ka 88 per cent go tswa gape kwa Struizendam.
Mo mminong wa Nama Staap, setlhopha sa Hunikam go tswa Tsabong se ne sa ikgapela maemo a ntlha ka 80 per cent, se tshela lorole sa Lokgwabe sa Khara Khoen se se tswang kgakala le mmino oo, se sone se ikgapetseng maemo a bobedi ka 72 per cent.
Setlhopha sa Gantsi sone se ne sa ikgapela maemo a boraro ka 70 per cent, se latelwa ke sa Ncaang go tswa kwa Kgalagadi Bokone ka maemo a bone ka 57 per cent.
Dikgaisanyo tsa monongwaga di ne di le pharologanyo ka di ne di akaretsa ba-tlhoka puo le ba-tlhoka kutlo, ba ba dirileng ka bokgabane ka go gaisa ditlhopha tse dingwe ka go ikgapela maemo a lesome le bosupa mo ditlhopheng di le masome mararo le botlhano.
Mo mafokong a gagwe a tebogo, Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Meleko Thumpe o ne a phophotha ditlhopha tse di dirileng botswerere legetla, a re di supa fa go na le talente e ntsi mo lefatsheng leno.
O ne a bo a di rotloetsa go tswelela di ithokoletsa makgaolakgang a dikgaisanyo tseo.
Bangwe ba baatlhodi, Rre Ezekiel Orman le Mme Sophie Steenkamp, ba ne ba akgola ditlhopha, ba re di lekile go supa tsotlhe tse di neng di solofetswe go di diragatsa, mme ba ba gakolola go itlhokoletsa dikgaisanyo tseo, gore ba seka ba tshabelelwa ke go lapa kgaisanyo e tsweletse.
Dikgaisanyo tseo di ne di tshwerwe ka setlhogo se se reng: Dikgwebo tsa Botlhami le Bodiragatsi, Tsela ya go Godisa Ditlhabololo le Itsholelo.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 24 Jun 2019