Ngwaga o o tlang wa 2020 o botlhokwa mo go tsa bong
24 Jun 2019
Mothusa mookamedi wa lephata la tsa bong Mme Vuyelwa Segokgo a re puso e dirile maiteko a a bonalang gore bomme ba nne le seabe mo mehameng e e farologanyeng.
Mme Segokgo a re go na le melawana e e baakantsweng e e neng e baya bomme ka fa mosing.
O buile jaana mo bokopanong le ba-na-le seabe mo go tsa bong mo Maun bosheng.
Le fa go ntse jalo, Mme Segokgo o tlhalositse fa sebe sa phiri e le gore bontsi jwa Batswana ba ba fitlhelwang kwa magaeng ga ba na lesedi le kitso ka dikgang tsa tekatekanyo ya bong le kgokgontsho.
Ka jalo, Mme Segokgo a re go botlhokwa gore bomme le bana ba ba kwa dikgaolong ba rutuntshiwe ka dikgang tse di ba amang.
A re seo se ka thusa bomme le bana gore ba seka ba itshokela kgokgontsho. Mogolwane wa ofisi ya bong mo Maun, Mme Boitumelo Likuni a re ngwaga o o tlang o faphegile mo go tsa bong.
A re tshutiso ya ba lekgotla la ditshaba e e tlamang mafatshe go tsibogela dikgang tsa bong ya Beijing Declaration and Platform for Action e digela dingwaga tse di masome mabedi le botlhano ngwaga o o tlang.
Ka jalo, Mme Likuni a re ba lephata la bong ba bone go le botlhokwa gore ba kopane le ba-na-le seabe go sekaseka gore lefatshe le gonne go le kae mo go tse di amang bomme le bana.
O supile fa tsamaiso eo ya Beijing Declaration and Platform for Action e ne e gwetlhilwe ke go bo bomme ba saletse kwa morago mo dilong ka bontsi tse di amang matshelo a bone le ditlhabololo tsa lefatshe. A re go ne go lemosegile gape fa kgokgontsho ya bong e ama bomme le bana go gaisa.
Fa a akgela, moruti wa kereke Lontone (UCCSA) mo Maun gape e le morulaganyi wa kgaolo ya Bojana, Moruti Boikobo Nthobatsang o ne a supa fa kereke ya bone e gatetse pele ka go akaretsa bomme mo dikomiting tse di farologanyeng ka e bile e le bone ba ba leng bantsi mo kerekeng.
Mogokaganyi wa lekgotlana le le ikemetseng la Women Against Rape mo Maun, Mme Peggy Ramaphane ene o ne a bolela fa makgotlana a a ikemetseng a dira go menagane mo go tsiboseng ka dikgang tsa bong le kgokgontsho.
Mme Ramaphane o tlhalositse fa mafelo a a thusang bomme le bana ba ba amilweng ke kgokgontsho a le mabedi fela mo lefatsheng e bile e le a a simolodisitsweng ke makgotlana a a ikemetseng.
O ne a tlatsa ka go re seabe seo sa makgotlana a go nna jalo se bonala mo pegong e e tlaa supang tema e e segilweng mabapi le Beijing Declaration and Platform for Action. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : bokopanong
Date : 24 Jun 2019