Ditshupo di tlaa tokofala
24 Jun 2019
Komiti e ntsha ya ditshupo tsa Kgalagadi Borwa tsa temo thuo e tshephisitse go tokofatsa ditshupo tsa monongwaga go nna tsa boleng jo bo kwa godimo le ntswa ba di baakanyetsa fela mo legoeleleng ka ba ise ba rolelwa madi ke komiti e e duleng.
Tsholofetso e e dirilwe ke modulasetilo wa komiti eo Rre Ruben Mosimenyane a tlhalosa fa ditshupo tsa monongwaga di tlaa tshwarwa kgwedi tlang e le masome mabedi le boferabongwe go fitlhelela Phatwe a tlhola aa raro mo Tsabong.
Fa a bua mo phuthegong ya go baakanyetsa ditshupo bosheng e e neng e tsenwe ke badirelapuso go tswa mo maphateng a a farologanyeng, o tlhalositse fa ba le malala a laotswe ka ba setse ba kopile dithuso mo dikhamphaning tse di farologanyeng, dibanka le lephata la banana le ngwao go thusa.
O ne a supa fa gape ba ikgolagantse le banana ba akaretsa Rre Calstus Chijoro, Keneth Matswiri, le ba bangwe go ba thusa go sala morago dikhamphani tse ba setseng ba kopile dithuso mo go tsone ka ba le gaufi le tsone.
Rre Mosimenyane o boletse fa ba setse ba ikgolagantse le ba banka ya Barclys mo Tsabong go bula letlole go baya madi a ba thusiwang ka one go hema dikgang tsa gore madi a setshaba a bewe ke bangwe ba komiti jaaka go ne go diragala pele. A re maikaelelo a bone e le komiti e ntsha ke go direla dilo mo pontsheng le gore morago ga ditshupo ba tlhalosetse morafe ka fa ba dirisitseng madi ka teng le gore go setse bokae mo letloleng.
Komiti e supile fa ditshupo tse di ya go tsenelelwa ke metse yotlhe e e mo kgaolong go simolola kwa Kokotsha go fitlhelela Struizendam go supa gore ke tsa kgaolo yotlhe e seng jaaka go ne go ntse pele e kare ke tsa Tsabong fela.
Rre John Toto, mopalamente wa pele wa kgaolo eo, o ne a supa fa ba na le kgwetlho ya dipalamo go etela metse ya kgaolo go ba itseise ka ditshupo le go kopa moemedi go bereka le komiti ya ditshupo e le maano a go tsosolosa tirisanommogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 24 Jun 2019