Breaking News

Nyeletso lehuma e botlhokwa

24 Jun 2019

Mogolwane wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa  Kgatleng o rotloeditse badirisi ba lenaneo le go itsaya tsia gore ba atlege.

Mme Khutsafalo Mogotsi, yo e leng ene mogokaganyi wa nyeletso lehuma mo kgaolong ya Kgatleng, o buile jaana kwa letsatsing la bagwebi ba nyeletso lehuma bosheng.

Mme Mogotsi o rotloeditse botlhe ba ba amogetseng dithuso go tshwaragana gore ba kgone go tswelela pele.

A re maikaelelo a matona a letsatsi le ke go supa se bagwebi ba se tshotseng le go ipapatsa.

O tlhalositse fa go tshwaragana ga ba ba amuleng lenaneo go ka ba thusa go godisa dikgwebo tsa bone, e bile gape puso e tsere tshwetso ya gore maphata otlhe a yone a lebe dikgwebo tse pele fa a batla go reka dithoto le ditirelo.

A re go amogana dikgakololo ka tsa kgwebo go ka ntsha maduo a a sa kgoneng go ntshiwa ke motho a le esi, e bile gape re lebile gore go batlega dithotho tsa boleng jo bo rileng.

Mme Mogotsi a re Batswana ba tshwanetse go itse fa lenaneo e se la puso e le la bone, ka jalo ba tlamega go tsaya karolo le go dira ka tlhoafalo.

A re bangwe ba tsaya lenaneo mme ba seke ba tlhokomele tse ba di filweng kana go ikgodisa ba emetse puso gore e ba thuse ka sengwe le sengwe.

“Mo Kgatleng, re na le batho ba le 1 203 ba ba abetsweng mananeo a nyeletso lehuma, mme ba le 887 ke bone fela ba ba dirang sengwe ka mananeo a. Ba le 287 ga ba dire sepe mme ba le 29 go timile tshoo-tshoo,” a rialo Mme Mogotsi.

O tlhalositse fa lenaneo le thusa botlhe mme ba ba sa kgoneng ba tshwanetse go tsaya malebela le go kopa dithuso mo go ba ba kgonneng gore ba kgone go itirela, mme e bile mananeo a nyeletso lehuma a okeditswe go tswa mo go 45 ka jaanong a akaretsa mananeo a a batlang digopana tsa batho go a dira.

“Re na le metshine e e dirang melora, dikausu le mae,” a rialo Mme Mogotsi, a supa gore mananeo a a tlhoka ditlhopha tsa batho go a dira.

Mme Mogotsi a re ba dikgwebo di tshwana le tsa borotho, dikoko le mae ba ka tshwaragana mme ba ikopanya le dikole gore ba kgone go ba rekisetsa dijo ka lenaneo la go ja sentle le simolotse mo dikoleng tse dipotlana.

A re Batswana ba tshwanetse go itirela ka diatla gore ba akole maduo sentle, mme se se ka diragala fela fa bagwebi ba itsaya tsia e bile ba le tlhaga.

Mme Mogotsi a re puso ya Botswana ga e eletse go bona Batswana ba supula mo lehumeng la nta e tshetlha.

Gore o atlege o tshwanetse go tshwara nako, o bee dibuka tsa kgwebo mme le le bagwebi ba nyeletso lehuma le tshwanetse go tlhoafalela go tokofatsa matshelo a lona le malapa a lona,” a tshwaela Mme Mogotsi.

Moemedi wa First National Bank Botswana Rre Lefika Ramooka o kopile bagwebi go kwadisa dikgebo tsa bone ka fa tshwanelong gore ba tle ba kgone go akola dithuso tsa banka.

A re polokelo ya bone e fa bagwebi dithuto ka go boloka madi ba sa ba duedise ka ba ba eleletsa tse dintle.

Rre Ramooka a re go boloka madi go botlhokwa ka a kgona go dirisiwa fa kgwebo e aperwe ke dikgwetlho.

O rotloeditse bagwebi botlhe go ema ka dinao go boloka madi a dikgwebo mme e bile ba sa a kopanye le a ba itebogang ka one ka ba ka seke ba kgone go a laola.

Mme Prscilla Mosothoane, yo a neng a buelela monnawe yo o nang le bogole jwa puo, a re ba amule lenaneo le ka 2016 ka dikoko tsa mae di le 50.

Mme a re go feleng ga ngwaga ba rekisa dingwe ba sala ka di le 26.

“Ka 2018 re ne ra reka tse dingwe go di dira 50, mme ka go tlhoka lesego di ne tsa aswa fela tsotlhe,” a rialo Mme Mosothoane.

A re ba ne ba reka 50 e nngwe gape ya dikoko monongwaga, mme ba setse ba bone dipoelo tsa lone.

O supile fa ba rekisetsa sekole sengwe mae a le 800 ka beke mme a eletsa fa tirisanyo ya teng e ka bo e le ya ngwaga, e seng kgwedi fela.

O rotloeditse Batswana ba bangwe go le dirisa.

Mme Mosothoane a re o eletsa go ipona a phadisana le mabentlele a matona jaaka Choppies le Spar mo dinakong tse di tlang mme o dumela a le mo tseleng e e siameng.

O rotloeditse bangwe ka ene gore ba seka ba kgobega marapo mme ba tswelele ka go rekisa dilwana tsa bone ka bopelotelele.

A re o eletsa gore ba ka simolola mekgatlho ya bagwebi ba dikoko tsa mae go thusana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : letsatsi la bagwebi

Date : 24 Jun 2019