Kgokgontsho ya bana e ngomola pelo
23 Jun 2019
Kgokgontso mo baneng ba basetsana e supa gore ga gona dikgang tsa tekatekano mo merafeng e le mentsi.
Mafoko a, a builwe ke mmueledi wa dikgang tsa kgokgontsho ya bana wa lekgotla la ditshaba(UNICEF), Rre Peter Siele kwa Bobonong bosheng.
Rre Siele o tlhalositse fa 22.7 per cent ya bana ba basetsana ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi ba tshela ka fa tlase ga kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo e bile gape ba le mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa HIV.
O supile fa go tlhoka tlhokomelo e e maleba le go itlhokomolosa bana e le nngwe ya mabaka a dirang gore bana ba felele ba le mo dikganyeng tsa tlhakanelo dikobo e se ka maikailelo.
Rre Siele o tlhalositse fa bontsi jwa bana ba basetsana bo imisiwa ke borre ba batona.
A re dipalo tsa dikgang tsa go ima ga baithuti ba sekole se segolwane sa Matshekge ke sesupo sa gore bontsi jwa bana ba, ba simolola go tlhakanela dikobo ba le dingwaga tse di kwa tlase.
Rre Siele o tlhalositse fa bana ba dirisiwa ke letlhoko, gore ba tlhakanele dikobo le bagolo.
Ka jalo o ne a kgothatsa dikereke le batsadi go ema ka dinao go tla ka ditsela tse ba ka emang kgokgontso ya tlhakanelo dikobo.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa kanamiso mafoko la UNICEF, Mme Tuduetso Kelapile o tlhalositse fa dikgang tsa kgokgontso ya tlhakanelo dikobo le go dirisa ditagi phetelela ga bana go senyaisago ya lefatshe leno.
Mme Kelapile o tlhalositse fa bontsi jwa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba setse ba sena isago e phatsimang ntateng ya ditagi le boimana.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Ezekiel Joel wa Bobonong, o ne a kopa batsadi go ema ka dinao go lwela tshireletsego ya bana.
Bagokgo ba dikole tse dikgolwane ba supile fa bontsi jwa batsadi ba ikgatholosa dikgang tsa kgokgontso tse di amang bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 23 Jun 2019