Breaking News

Mosepele wa ditlhopho o a butswa - IEC

23 Jun 2019

Moanamisa mafoko wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC), Rre Osupile Maroba, o tlhalositse fa lekgotla le le gaufi le go wetsa tshotlhe tse di tswanetseng gore ditlhopho tsa setshaba di tshwarwe.

A re ba boloditse letsholo go lekodisa batsaya karolo ka dipaakanyo tsa ditlhopho tsa monongwaga le gone go kgaogana le bone katlego le makgwere a lekgotla le kopanang nao.

Fa a lekodisa khansele ya Bokone Bophirima kwa Maun bosheng, Rre Maroba o boletse fa lekgotla le dira tsamaiso le ikaegile ka molao motheo wa lefatshe, wa ditlhopho le e mengwe e e ba thusang go tsaya ditshwetso.

A re lekgotla le feditse ditsamaiso tse dingwe jaaka ditshekatsheko tsa bukana ya maina mme ba tshwere namane e tona ya go konetelela dipaakanyo.

A re lekgotla le tlaa simolola go thapa le go katisa batho ba ba tla tsamaisang ditlhopho. Lekgotla le tlaa kopana le bontlhopheng kgwedi e e tlang go buisanya le bone ka ipaakanyo.

Rre Maroba o gwetlhile baemedi ba ditlhopo go tlhwaya tsebe ka jaana letsatsi la go itshupa ga bontlhopheng le tlaa tloga le bolelwa.

O boletse fa lekgotla le hupeditswe ke dikgang tsa batho ba ba eletsang go emela ditlhopho ka bo nosi le di ngongora ka ba gotweng ga ba a ikwadisetsa ditlhopho ka fa molaong.

O supile fa ba amogetse dikgang di feta sekete le makgolo a matlhano tsa batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho e se ka fa molaong le baema nosi ba feta makgolo a mabedi.

Le fa go ntse jalo, Rre Maroba o gwetlhile mapolotiki go tsaya karolo go ruta batlhophi ka tsamaiso ya ditlhopho.

A re tsamaiso ya ditlhopho ke molaletsa ka jalo batsaya karolo botlhe ba tshwanetse go supa seabe sa bone mo go gaseng molaetsa kwa setshabeng.

A re lekgotla le dira maiteko, mme sebe sa phiri ke go tlhaelelwa ke ditsompelo.

Fa ba mokgwa dikgaba, makhanselara mangwe a ne a supa fa a tshwenngwa ke dikgang tsa phuduso ya batlhophi mme ba kopa tlhaloso e e tsepameng ka ba re go lebega mapolotiki mangwe a na le seabe.

Mokhanselara Gaopalelwe Ronald o ne a batla go itse mabaka a a tlamang lekgotla go hudusa batlhophi fa Rre Ntlogelang Kebonyekgotla ene a ne a kopa lekgotla go gagamatsa setoropo a re batho ba ba amegang go rotloetsa phudugo ya batlhophi ba tseelwe dikgato.

A re go supagetse fa batlhophi bangwe ba dirisiwa ke mapolotiki go fuduga go sena mabaka ape a a ba tlamang.

A re bangwe gape ba rotloeditswe go ikwadisa mo go eseng ka fa molaong.

Fa a itsebogela dikgang tseo, Rre Maroba o boletse fa moikopedi a tshwanelwa ke go baya lekgotla pele mabaka a a ka dirang gore ba dumalane le phudugo a supa fa lekgotla le na le dithata tsa go ka ganana le kopo ya motlhophi bogolo jang fa mabaka ao a le lolea.

A re mme motlhophi o gololesegile go ka ikuela kwa kgotleng ya ditsheko fa a belaela gore lekgotla la diltlhopo le a mo gatelela.

Rre Lesedi Boy ene o ne a lebogela maiteko a ba lekgotla mme le ene a ba kopa go atolosa thuto mo setshabeng a re dikgang tse dingwe di ka hemega fa batho ba na le kitso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Tekodiso khansele

Date : 23 Jun 2019