Breaking News

Botsogo jwa ngwana boswa jo bo popota

23 Jun 2019

Mookamedi wa kereke ya Gates of Heaven Network kwa Maun, Moporofeta Thato Elias, a re botsogo jwa bana ke konokono.

Fa a bua kwa moletlong mongwe kwa Maun bosheng, Rre Elias o ne a gwetlha batsadi go tlhokomela bana ba bone ka lerato.

O ne a kgothatsa batsadi go sala morago tsotlhe tse di kwadilweng mo karateng ya ngwana le go netefatsa gore mekento le melemo e tsewa jaaka go tshwanetse.

Rre Elias a re bontsi jwa ditlamelo tsa puso di santse di le mahala, ka jalo botlhokwa go di dirisa.

A re bomme ba tshwanetse gape go amusa bana fela jaaka ba botsogo ba laetse ka jaana go na le mabaka a go dira jalo.

Rre Elias a re go supagetse fa mashi a lebele a le botlhokwa thata mo kgodisong ya ngwana.

O gwetlhile batsadi go dirisa sebaka se ba se neetsweng ke puso, bogolo jang mo go tsa botsogo le mananeo a ba ka itlhabololang ka one.

O kgothaditse ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare wa HIV go di dirisa sentle le gone go tlhwaafalela go tlhatlhoba bana ba bone gore ba tseye kgato nako e sa le teng. O ne a tlatsa ka gore batsadi ba ithute go botsa ba bongaka fa ba sa tlhaloganye.

O ne a akgola kokelwana ya Kubung a re e itshupa fa e setse e godile thata ka a re e kgona go amogela bana ba feta makgolo a matlhano ba dingwaga tse tlhano mme a re sebe sa phiri ke gore ba le boferabongwe mo go bone ba supile fa ba tlhaela dikotla.

A re seemo sa go tlhaela dikotla ga se kake sa kgonwa ke ba booki fela ka jalo go botlhokwa gore batsadi ba nne le seabe.

Mooki mogolo kwa kokelwana eo, Mme Keitumetse Motsholapheko, o ne a gwetlha batsadi go tsaya tsia dithuto ka tsa botsogo. A re ba lemogile gore batsadi bangwe ga ba dire go lekanye mo kgodisong ya bana, ke ka moo ba boneng go tshwanela go rulaganya letsatsi leo go ba tlhatlhelela ka jaana botsogo e le jone botshelo jwa motho.

O tlhalositse fa botsogo jwa ngwana e le maikarabelo a botlhe, a supa fa bana ba beile mo batsading ba bone go ba neela tlhokomelo e e tshwanetseng.

O kgothaditse batsadi go tlhomamisa gore bana ba tlhokomelwa ka go tsaya ditirelo tsa kokelwana, ka jalo a kopa batsadi go supa dikarata tsa bana fa ba ba isa kokelong.

A re ba kentise bana ka nako ba bo ba netefatse gore ba tsaya mekento jaaka karata ya kokelo e supa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Moletlo

Date : 23 Jun 2019