Go botlhokwa go obamela molao wa molelwane
23 Jun 2019
Tona wa merero ya setshaba, boagedi le bong, Rre Ngaka Ngaka, o ne a etetse batho ba metse e e gaufi le melelwane kwa Kgalagadi Borwa bosheng.
O tlhaloseditse banni mo phuthegong fa go le botlhokwa go sala molao wa go tlola melelwane.
A re banni ba metse e e bapileng le molelwane ba na le masika mo mafatsheng a a mabapi, ka jalo ba dirisana mo go tsa selegae jaaka manyalo, dintsho, kgwebo le tse dingwe.
A re o amogela dikgang tsa bana ba ba tsholwang ke Batswana le batho ba mafatshe a sele mme bana ga ba ithole boagedi ka fa go tshwanetseng, mme go tsale ketsa-etsego fa go tla gore go rurifadiwe gore a motho ke Motswana.
Fa mongwe wa batsadi e se Motswana, molao o supa fa ngwana a fiwa boagedi jwa batsadi boo babedi go fitlhelela a nna le dingwaga tse masome a mabedi le mongwe, tona a tlhalosa jalo.
A re ngwana yo o fiwa Omang a le dingwaga di le lesome le borataro mme Omang wa gagwe o dirwa gore a fele fa a le dingwaga tse masome a mabedi le bongwe. A re fa ngwana a batla go nna Motswana, o tshwanetse go ithola pele boagedi jwa lefatshe le lengwe.
Ka jalo o ne a rotloetsa gore ba ba mo seemong se, ba seka ba nna fela kwa lwapeng ka seo se tlaa ama dikokomane tsa bone lentswa ba nna mo Botswana.
O boletse fa ope yo o senang Omang seemo seo se tlaa mmaya ka fa mosing ka a tla a seke a kgone go akola mananeo a puso.
Rre Ngaka o gakolotse banni ba ba ikopetseng Omang go latela dikarata kwa di ofising.
A re bangwe ba ela ruri kwa di polaseng fa ba sena go dira Omang. “Fa gongwe fa go iwa koo ke ba Omang, go fitlhelwa e le gore dipolase di lotletswe. Re kopa tirisanyo mmogo e e lolameng,” Tona Ngaka a kopa.
A re bontsi jwa batho ba ba agileng fa thoko ga melelwane ba na le go tlola molelwane fa go sa tshwanelang.
O supile fa seo se le borai ka ba ka tlhaselwa ke dilalome.
A re go supega fa molato oo, e le selo modiro ka bangwe Batswana ba felela ba tsholela bana koo mme fa ba boela mono go nna thata go bona dithuso tsa puso ka ba ne ba sa tlola molelwane ka fa molaong.
Mo go tse dingwe, Rre Ngaka a re kgokgontsho ya bomme e a tshwenya ka jalo banni ba tshwanetse ba e emela ka dinao. O boletse fa e ka kgonwa fela ke fa ngwana wa mosetsana le wa mosimane ba ka laiwa go tswa kwa lwapeng.
O tlhalositse fa lephata la gagwe le kwadisa dikereke ka dipalo tse dintsi le ntswa batho ba le palo potlana mo metsing.
Mongwe wa banni ba Tsabong, Rre Tshipietsile Mothelesi, o ne a lebogela Tona Ngaka go etela metse e e mo melelwaneng, a re seo se tla a thusa fela thata, mme o ne a kopa tona go sekaseka go oketsa dinako tsa go tswala melelwane.
Rre Issac Coetzee ene o ne a kopa tona go bona gore terata ya molelwane e a tsholediwa ka diphologolo le dihutshane tsa banni ba Kgalagadi di felela ko mafatsheng a a mabapi, mme ba felele ba le mo lehumeng. A re dihutshane di a utsuwa di tlodisiwa melolwane mme ga go motlhofo go di latedisa fa di setse di tlodile.
Rre John Toto o tlhalositse fa molelwane wa Mc Cathy’s Rust o na le ditlamelo tsotlhe ntlheng ya Botswana mme wa South Africa one o sena bakgethisi ba dithoto, mme se se pateletse banni go tsamaa tsela e telele go ya ko toropong ya Upington go kwadisa dithoto tsa bone pele ba ka tlola molelwaneng.
A re se, se turu mme ebile se tsaya nako, gape se ka itsapisa bajanala le bagwebi go dirisa molelwane o, ka jalo a kopa tona go buisana le ba South Africa go tsisa ditirelo tseo gaufi.
Fa a araba, Tona Ngaka o tlhalositse fa a tlaa rerisa ba maphata a a pataganetseng go dira ko melelwaneng jaaka ba sesole, mapodisi, bakgethisi le ba temothuo.
Fa a araba dikgakololo tsa gore puso e laole go runya ga dikereke ka go dira melao, Rre Ngaka o tlhalositse fa go ka se kgonege ka Motswana mongwe le mongwe a gololesegile go obama jaaka a batla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 23 Jun 2019