Breaking News

Ba Matlhakola le Mokungwana ba lela ka tiego ya peo ya ditsha tsa bonno

20 Jun 2019

Banni ba metse ya Matlhakola le Mokungwane kwa kgaolong ya Lerala/Maunatlala ba lela ka tiego ya peo ya ditsha tsa bonno.

Ba tlhalositse fa seo se diya ditlhabololo ka bontsi jwa bana jaanong ba tsweletse ka go tlhabolola kwa mafelong a mangwe kwa ba fiwang ditsha teng, ba re gape seo se itsa metse go gola.

Mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke Mopalamente Prince Maele bosheng, ba ne ba supa gape le matshwenyego ka ditsela tse dikhutshwane tse di kopanyang metse ya bone le tsone tse di yang kwa dikoleng, ba re di dirwe ka lenaneo la madi a ditlhabololo a kgaolo gore le bone ba le akole.

Banni ba metse eo ba ne ba lebogela ditlhabololo tsotlhe tse di mo metseng ya bone di tshwana le  go gokelelwa motlakase le go sielwa metsi.

Ba ne ba leboga Rre Maele ba re motlhala wa gagwe mo kgaolong o a bonala, ka jalo o tlhoka go tlotlomadiwa.

Le fa go ntse jalo, banni ba ne ngongorega ka tiego ya dipampiri tsa dikoloto go tswa Water Utilities Corporation, ba re seo se ba kgobokanyetsa dikoloto, le go kgaolelwa metsi, mme ba kopa gore metsi fela jaaka motlakase a nowe  ka karata, go fokotsa dituelo tse di kwa godimo.

E ne e rile go le pele, Rre Maele a tlhalosa fa dingwe tsa dikopo tsa bone di tshwana  le go godisiwa ga kokelwana ya Matlhakola e le dingwe tsa tse di tlaa akarediwang  mo tshekatshekong ya  lenaneong la ditogamaano tsa setshaba la NDP 11.

Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a ba  tlhalosetsa ka fa madi a setshaba a abilweng ka teng. 

A re go a itumedisa gore Batswana jaanong ba simolotse go tlhaloganya tiriso le kgaoganyo ya madi a setshaba  ka go lebogela se ba se latlheletsweng le ntswa go seke go lekana.

Mopalamente Maele o ne gape a lebogela banni ba kgaolo ya gagwe go bo ba ikwadiseditse ditlhopho ka dipalo tse dinametsang.

O ne gape a re ditsela dingwe mo kgaolong ya bone jaaka ya Mokungwane go tswa kwa sekoleng e ya go dirwa ka ditena monongwaga.

E ne e rile go le pele kwa Matlhakola Kgosi Thabologo Pobetsi a supa fa ba lebogela lenaneo la KgomoKhumo a re ba tlaa rua di-tsa bone ka tshosologa ka lenaneo leo  le ntsha maduo.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Pobetsi o ne a supa fa ba khamphani ya Mascom ba le maoto a tshupa go ba gokelela tsa maranyane, mme a kopa mopalamente go ba tswa maoto.

Kwa Mokungwane Kgosi Itumeleng Fane ene o ne a iteela kobo moroko mafako a banni a gore a go potlakelwe go segwa ga ditsha.

A re e setse e le sebaks se seleele ba emetse go thusiwa. Le ene fela jalo o ne a lela ka borukutlhi mo motseng wa gagwe a re le jone bo ba apesitse kobo ka letshoba, bogolo jang jwa leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : MATLHAKOLA/MOKUNGWANA

Event : Phuthego

Date : 20 Jun 2019