Mpho ya ntlo e fetotse botshelo jwa ga Nkuku Sihamba
20 Jun 2019
E re ka Baebele e bua gore go sego lebogo le le abang go nale le le amogelang, e ne ya re mo ngwageng o o fetileng ba komiti ya sitlhabololo tsa motse wa Ramokgwebana, ba agela Mme Dinah Sihamba yo o dingwaga tse di masome a ferang bongwe le borataro ntlo, se e le go supa lorato.
Komiti e ne ya kgobokanya P25 000 go agela Mme Sihamba ntlo ya dikamore tse pedi, e a neng a e abelwa semmuso ka Ngwanatsele ngogola.
BOPA e ne ya tsaya loeto go ya Ramokgwebana go lekola Mme Sihamba, go ithuta ka fa mpho e e fetotseng botshelo jwa mogodi ka teng, mme ya re go ba bona ba goroga le maloko a komiti ya ditlhabolo a tlala ka boitumelo.
Mme Sihamba yo o neng a anwa tee mo serepoding sa ntlo ya gagwe e ntsha, o ne a atla Rre Wazha Malomo, yo e leng leloko la komiti, gammogo le go mo galaletsa ka puo ya sekalaka, ‘bana bangu ba ka to ngo ndi thamila zwa ka naka ndo mu boka neni wale,’ loosely translated; how will I ever thank you for your beautiful gesture my children.
Sefatlhego sa ga Mme Sihamba se ne se tletse ka boitumelo jaaka a ne a tlhalosa fa a iseke a akanye mo botshelong gore morafe wa Ramokgwebana o ka mo direla bontle jwa ntlo ya dikamore tse pedi.
E ne ya re a tlhalosa ka bontle jwa ntlo ya gagwe, a kopa gore go bulwe dipati go supa jaaka a tlhokometse mpho ya gagwe jaaka e ne e phatsima e ntse phepha.
E re ka a rata dinyao, a bo a supa ntlo ya bojang e potileng ntlo ya gagwe e ntsha kwa morago a ikgantsha, “ke ne ke robala mo ntlong ele mme e re ka paka ya mariga serame se nkakole, jaanong bana ba Ramokgwebana ba ntirile motho ke robala boroko kgo!”
Nkuku Sihamba yo o nnang mo ntlong le bana ba bana ba gagwe ba babedi, o tlhalositse fa botshelo jwa gagwe bo fetogile thata ka ntlha ya ntlo e, segolo bogolo ka e tsisitse seriti mo lwapeng la gagwe.
O supile fa a kgonne go gokela motlakase go tlhomamisa gore bana ba bana ba gagwe ba a ithuta mo leseding.
A re e ne ya re ka kabo semmuso ya ntlo, a ntsha podi gore baeng ba ba neng ba mo etetse e bile ba mo agetse ntlo e ba shabe .
E rile a tswelela a bua fa komiti ya VDC e ne ya dira go le gontsi, ka ba ne ba mo rekela bolao, setofo, kobotlo le kobo ya mariga e go bolelwang e ne e le mpho ya bagodi go tswa mo ngwaneng mongwe wa Ramokgwebana.
E rile a tswa la gagwe, Rre Malomo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse a akgola bana ba Ramokgwebana ba ba berekelang kwa ditoropong a re ke bone gantsi ba ba lomaganyang le boradikhamphani go kopa dithuso.
O supile fa Debswana Orapa mine e ba abetse P10 000 fa ba Pandamatenga Farms ba ba file P8 000, mme ba kgona go kokoanya madi a mangwe go tswa mo bathong ba Ramokgwebana mme madi a e le one a agileng ntlo eo.
Rre Malomo a re o itumedisiwa ke gore ntlo e e agilwe ka mabogo a bana ba motse jaaka ba ne ba ithaopa go thusa komiti ya ditlhabololo tsa motse go wetsa kago e.
O tlhalositse fa ba ise ba ntshe madi ape mo letloleng la komiti ya ditlhabololo tsa motse go thapa baagi, a tlatsa ka go re madi a ba neng ba a abelwa ba rekile tsa kago.
O buile fa ba tshwaragane thata le bana ba Ramokgwebana ba ba nnang kwa ditoropong ka e le bone gantsi ba ba abang dikobo, diaparo le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Ramokgwebana
Event : Loeto la tekolo
Date : 20 Jun 2019