Kanamiso ya lebelo la Toyota Desert Race e a tlhaela
20 Jun 2019
Banni le bagwebi ba Selebi Phikwe ba re ga go a dirwa go lekane go itsese batho ka lebelo la Toyota Kalahari 1000km Desert Race.
Lebelo le, le tlaa bo le tshwaretswe kwa toropong ya Selebi Phikwe e le la ntlha go simologagompieko go fitlhelela Tshipi.
Seo se senogile mo potsolosong le BOPA fa mongwe wa mogwebi wa monana Rre Moitamo Lebang a supa fa ene a bona khansele le ba-na-le seabe ba bangwe ba sa dira go lekane go ruta batho ka lebelo leo, ka bontsi jwa bone ba santse ba le mo fifing.
O ne a tlhalosa fa go bonala fa toropo ya Selebi Phikwe e ne e sa ipaakanya mo go lekaneng go tshegetsa lobelo le.
A re go ka bo go setse go na le sengwe se se tsibosang morafe fa go tla tiro e tona mo toropong, mme go didimetse fela, a tlatsa ka go re dilo tse dintsi di dirwa fela kwa Gaborone.
A re Selebi Phikwe o simolotse go baakanya ditsela lebelo le setse le le gaufi thata, a supa fa se se ne sa ama dikgwebo tse di direlang mo mmolong.
Rre Lebang o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e sa le e amegile ka nako e go neng go simololwa go baakanngwa ditsela.
O ne a supa fa seo se ne sa ama kgwebo ya gagwe thata ka ditsela tse di tsenang mo toropong di ne tsa tswalwa mme seo sa kgoreletsa metsamao ya batho le dikoloi.
A re diteseletso tsa thekiso ka nako ya lobelo le tse di neng di rekisediwa batho go ya go rekisa, ga di na go ba sologela molemo ka e tlaa bo e le dilo tsa nakwana e bile le melao e e beilweng e ba kgoreletsa go rekisa dilo dingwe di tshwana le bojalwa mme e le jone jo bo bogadi bo gaufi.
Mongwe wa bagwebi yo o tshabileng go ntsha leina la gagwe a re ene o batla go tsaya malebela ngwaga o, mme o tlaa rekisa sentle ngwaga o o tlang.
Mme yoo, yo o itshetsang ka go rekisa dimonamone le diyunitsi, o supile fa kitsiso ka lebelo le e sa tla kwa bagwebing ba ba botlana jaaka ene.
A re o utlwaletse lebelo, mme ga a itse gore e le mogwebi yo mmotlana le ya go mo sologela mosola jang.
A re ba ba dirang dipaakanyetso tsa lebelo ga ba bonale mo toropong go tshwana fela le malatsi otlhe. A re ene o tsaya kgaisanyo e jaaka malatsi otlhe, e bile a sa solofele gore go tlaa nna le pharologanyo mo kgwebong ya gagwe. Mongwe wa banana, Rre Simon Motsamai ene a re tsholofelo ya gagwe ke gore bagwebi ba babotlana ba bone dipoelo ka go tlaa bo go tsile batho ba bantsi go tswa kwa mafelong a a farologaneng.
O ne a rotloetsa banana ka ene go itshwara sentle ka e le bone ba tshabelelwang ke dilo tse di duleng mo tseleng jaaka tiriso botlhaswa ya nnotagi.
Rre Motsamai o ne a gwetlha balekane ba gagwe, bogolo jang ba basetsana go itlhokomela, a re ba tshabelelwa ke dihawa, bogolo jang kwa maitisong.
Kwa bofelong o ne a re o solofela fa ba tsa itshireletso ba ipapanne go tla go ela seemo sengwe le sengwe tlhoko, ka e le nako e bogodu bo tlaa bong bo ile magoletsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaoboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsoloso
Date : 20 Jun 2019