Magodu a leruo a tlhasetse Ramatlabama
19 Jun 2019
Barui ba ka nna masome mararo ba ne ba kgobokanetse fa diofising tsa sepodisi bosheng kwa Ramatlabama go tla go fa bosupi mabapi le dikgomo tsa bone tse go belaelwang di falaletse kwa Afrika Borwa ngogola ka Seetebosigo.
Barui bao ba tswa mo metseng ya Borolong jaaka Pitsane, Tlhareseleele, Rakhuna, Ramatlabama, mme bontsi ke metse e e fa tlase ga melolwane.
Dikgomo di feta masome a matlhano tse di nyeleletse kwa Afrika Borwa.
E rile a bua mo potsolotsong, Ramapodisi wa Ramatlabama Superintendent Zibani Mbisana o ne a tlhalosa fa go na le kgang e e tshwerweng kwa Afrika Borwa kwa go belaelwang dikgomo tse e le tsa barui ba Botswana.
O tlhalositse fa barui ba dikgomo tsa bone di nyeletseng ba ne ba bidiwa go tla go fa bosupi jo bo neng bo tlhaela le go tlhalosa tlwatlhwa ya dikgomo tseo ka sepodisi sa koo se ne se tsile go tsaya bosupi.
O ne a gakolola barui go tlhokomela leruo le go tlhomamisa gore le fulela kwa go seng borai jwa go tlola molelwane.
Mongwe wa ba ba utswetsweng ke Kgosi Oagile Kepadisa wa Pitsane, yo o boletseng gore dikgomo tsa gagwe tse pedi di nyeletse ngogola ka Seetebosigo.
O tlhalositse fa ba eme ka tsholofelo, mme a re seemo se ngomola pelo mo kgaolong eo.
Kgosi Kepadisa o tlhalosa fa dipodi, dikoko le dihutshane di le mo kotsing.
A re se se ngomolang pelo ke gore o belaela fa bana ba bone e le bone ba dirang tiro eo. O tlhalositse fa ba fisa dikgomo ka dikgatiso gore tshipi ya kgomo e seka ya bonala fa go batlisisiwa.
Mo go tse dingwe, kgosi o tlhalositse fa ba tlhotlhomisa dikgang tsa bagodi ba Pitsane ba tseetsweng madi dikgwedi tse di fetileng.
O tlhalositse gore go na le batho ba itirileng mapodisi fa batho ba tsaya madi kwa metshineng, a tlhalosa fa ba simolola ka go tsietsa mogodi ka go mo supegetsa madi ba re ba a setse ka fa tlase ga koloi, mme ba kope gore ba tswele golo gongwe le ene.
A re magodu ao a felela a bolelela mogodi gore ba mo tlhotlhomisong, mme ba batle nomore ya gagwe ya banka, kwa morago ba tseye madi.
Ka jalo o ne a tlhagisa setshaba go itlhokomela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : RAMATLABAMA
Event : POTSOLOTSO
Date : 19 Jun 2019