Ke boikarabelo jwa motsadi go agela ngwana bokamoso
19 Jun 2019
Ke boikarabelo jwa motsadi mongwe le mongwe go tsenya letsogo mo kgodisong ya ngwana, ka maikaelelo a go mo agela bokamoso jo bo lolameng, le go mo godisetsa mo sethong se se eletsegang.
Se se builwe ke moitseanape wa tsa kgwebo kwa lekalaneng la LEA, Rre Onalenna Mmati kwa Mogome ka letsatsi la Ngwana wa moAferika, le le ipelelwang ngwaga le ngwaga Seetebosigo a le 16.
Rre Mmati a re ditshwanelo tsa bana di tshwanetse go obamelwa. A re ke gone ka moo mafatshe a neng a dumalana gore letsatsi leo le ipelelwe.
A re go diragadiwa ga ditshwanelo tsa bana go mo maruding a Motswana mongwe le mongwe ka gore bontsi ke batsadi.
Rre Mmati o ne a supa fa tiriso botlhaswa ya bana ke batsadi ba e kabong e le bone ba kgalemang e le matlhabisa ditlhong.
A re go a swabisa go bo bana ba ima ba sa le kwa dikoleng, mo go ba senyetsang bokamoso.
A gape se sengweke ke go ka tsenwa ke malwetse, go sita kang le one mogare wa HIV tota.
O ne a tlhagisa borre ba ba dirang jalo go leba bana ka leitlho la kutlwelo botlhoko, a re go tshwaragana ga setshaba go ka godisetsa bana mo leratong le go ba aga go nna tshaba e e tlaa tsogang e tsamaisa merero ya lefatshe leno.
Rre Mmati a re go mo maruding a setshaba go tlhokomela bana le go ba sireletsa.
O ne a kgalemela batsadi ba ba lwelang le go dirisa mafoko a matlhapa fa pele ga bana, a re seo ga se yone kgodiso e e eletsegang.
Rre Mmati, ka e le moitseanape wa tsa kgwebo, o ne a re metlhala ya khumo e mentsi, e tlhoka balati, a bua jalo go rotloetsa bana le batsadi go itshimololela dikgwebo tse di ka ba tshetsang ka mananeo a puso.
A re LEA le yone le ikemiseditse go thusa ka thutuntsho le go dira mealo ya kgwebo.
Fa a tswala bokopano joo, jo bo neng bo kopantse bana ba dikole le barutabana go tswa kwa Moreomabele, Topisi, Radisele, Mogome le Mokgware, modulasetilo wa kgaolwana ya Palapye, e bile e le mokhanselera wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego, o ne a akgolela barulaganyi ba tiro eo go tsholetsa serodumo sa kgaolwana ya gagwe ka go e tsisa kwa Mogome, a supa fa go dira jalo go ofa banni ba kgaolwana eo seriti le go lemoga fa le bone puso e ba gakologelwa mo ditirong tsa setshaba.
Rre Phuthego o ne a gatelele gore ditshwanelo tsa bana di tlotlwe, di bo di diragadiwe.
A re bana ba na le tshwanelo ya go neelwa thuto, botsogo, bonno jo bo lolameng, le kgodiso e ntle, e e tlaa ba dirang banna le basadi ba kamoso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MOGOME
Event : ka letsatsi la Ngwana wa moAferika
Date : 19 Jun 2019