Breaking News

A bana ba godisiwe sentle Kwerepe

19 Jun 2019

Batsadi ba gwetlhilwe go tsaya karolo mo go betleleng bana bokamoso jo bo eletsegang.

Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe o tlhalositse fa go nna le ditshwanelo ga bana go sa tseele batsadi dithata tsa go ba kgalemela.

O buile jalo ka letsatsi la Ngwana wa MoAfrica, a supa fa batsadi ba na le dithata tse di fetang tsa bana ba bone, ka jalo a ba gwetlha go dira tiro ya bone mo kgodisong ya bana ba tlogele gore bana na le ditshwanelo.

A re ditshwanelo tsa bana ga di ba fe dithata tsa go itaola, mme di rotloetsa fela gore ngwana a godisiwe sentle ka bokaedi jwa batsadi.

Rre Kwerepe o ne a gatelela mafoko a gagwe ka Setswana se se reng ‘Botlhale jwa phala bo tswa phalaneng’.

A re ba solofela gore bana ba gakolole batsadi gore ba ka tokafatsa jang tlhokomelo le kgodiso ya bone.

O kopile batsadi go tlhokomela bana jaaka go tshwanetse.

A re ngwana o tshwana fela le setlhare se se nosediwanng gore se gole sentle.

A re puso e tsweletse ka maiteko a go fetola tsamaiso le seemo sa thuto kwa dikoleng, ka jaana e batla go ntsha setshaba se se nang le boleng se se ka godisang itsholelo ya lefatshe.

Mothusa tona a re tsamaiso ya gompieno ke gore bana ba dire dithuto tse ba di kgonang kana ba nosetse ditalente tsa bone gore kamoso di ba sologelele molemo.

Moithuti wa leokwalo la boraro kwa sekoleng se segolwane sa Sedie kwa Maun o ne a gwetlha balekane ba gagwe go tsaya thuto ka tlhoafalo, a re ke yone fela e e ka agang bokamoso jwa bone.

O gwetlhile baithuti go dira se se ba tshwanetseng gore e nne batsadi ba ba nang le boikarabelo mo isagong.

A re baithuti ba lebanwe ke dikgwetlho tsa nnotagi, go ima le go tlogela sekole, a re seo se dirwa ke go tlhoka kgalemo le bokaedi jwa batsadi ka jaana ba sa phutologe go buisanya ka dikgang dingwe le bone, bogolo jang tsa tlhakanelo dikobo.

Mme Tlale yo e leng mongwe wa baeteledipele ba lekgotla la bana mo Ngami ene o gwetlhile baithuti go ikgalemela le gone go supegetsa batsadi ba bone gore ba kgona go nna le boikarabelo.

A re go a tsthwenya ka jaana baithuti bangwe ba inaakantse le nnotagi e bile bangwe ba kgona go tla ka bojalwa kwa sekoleng.

A re le ntswa bangwe baithuti e le dikhutsana, seo ga se a tshwanela go ba rotloetsa go dira dilo tsa botlhokatsebe.

Mme Tlale o ne a kopa baithuti go baya thuto ya bone kwa pele, ka e le yone fela e e ka ba bulelang ditsela tsa botshelo.

Mokwaledi wa khansele-potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule o ne a gwetlha batsadi go lemoga ditshwanelo tsa bana, tse a reng di itebagatse le go rotloetsa kgodiso e e lolameng.

A re batsadi ba tshwanetse go sireletsa ditshwanelo tsa bana.

Mme Seemule a re ngwana o godisiwa ke setshaba, ke ka moo makalana le maphata ka go farologana a neng a tshologetse letsatsi leo go tla go buisanya ka dikgang tsa bana.

O supile fa bana ba tshabelelwa ke dilabe mme a kopa batsadi go ela seo tlhoko.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : SEHITHWA

Event : Ngwana wa MoAfrica

Date : 19 Jun 2019