Breaking News

Letsholo la Kgomokhumo le upolola dikgolo

19 Jun 2019

Letsholo la KgomoKhumo e rile bosheng la thusa ka go tshwarwa ga makawana a le mane mabapi le bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Lentsweletau mo Kweneng le Leshibitse kwa Kgatleng.

Makawana ao ke Ofentse Ditsheko, 22, wa Mokgenene, Alfred Moakofi, 24, wa Mochudi, Tumo Modisaotsile, 22, wa Molepolole le Gorata Ramasonya, 24, wa Sojwe.

Go ya ka mothusa ramapodisi Rre Dipheko Motube, babelaelwa ba amanngwa le melato ya bogodu e ka tshwara boferabongwe e e diragetseng go simolola Ferikgong mono ngwaga.

Babelaelwa go bolelwa fa ba ntse ba utswa leruo mo kgaolong ya Kgope le Lentsweletau mme ba tlolele kwa Leshibitse kwa le teng gobolelwang fa ba tlhabile dipodi di le lesome le boraro.

Go ya ka Rre Motube, ditlhotlhomiso tsa bone di supa fa ba ne ba rekisetsa mongwe wa selaga kwa Gaborone yo le ene ba mo motlhaleng wa gagwe.

O ne a kopa maphata a puso gore a nne podi matseba ka bangwe go supagetse fa ba fiwa nama ya bogodu e e tlhabetsweng mo nageng.

Nama ya go nna jalo go bolelwa fa gantsi e lemogwa ka go nna mmu, e na le ditlhare, ka jalo ba gakololwa go itsese mapodisi ka bofefo fa ba bona dikai tse.

Rre Motube a re nama ya dikgomo tsa bogodu e borai, ka e a bo e sa tlhatlhojwa malwetse gape go ka diragala gore go tsewe e e neng e le gone e kentwang mme e lwatse batho.

Mo godimo ga bogudu jwa leruo, Moakofi le Modisaotsile ba ne ba batlwa ke mapodisi mabapi le pelaelo ya gore ba thukuthile mme mongwe wa masimo a Segoomotlhabe gaufi le Kgope mme ba utswa P2 000.

Babelaelwa ba ne ba na le bangwe ba babedi ba bone ba setseng ba iponaditse fa pele ga ga mmakaseterata fa mapodisi a santse a batla yo mongwe yo o tseneng ka lenga la seloko. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : LENTSWELETAU

Event : Letsholo la KgomoKhumo

Date : 19 Jun 2019