Breaking News

Ditshwanelo le boikarabelo di ya thoteng...

19 Jun 2019

Batsadi ba rotloeditswe go ruta bana gore ditshwanelo di tsamaelana le boikarabelo.

Se se boletswe ke Kgosi Kruger Kareng wa kgotla ya Lephaleng kwa Molepolole mo moletlong wa segopotso sa letsatsi la Ngwana wa moAfrika le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Ditiro tsa Bopelotlhomogi mo Afrika Ditshwanelo tsa Bana Pele.”

Kgosi Kareng a re go botlhokwa gore setshaba se seka sa iphitlhela se amega mo kgokgontshong le tsoulolo ya ditshwanelo tsa bana.

A re thuto ke nngwe ntlha e e botlhokwa mo ditshwanelong tsa bana ka e ba neela  tlhotlheletso ya go tsaya dikgato tse di nametsang le go gola ba na le boikarabelo.

“Letsatsi le le seegetswe kwa thoko go lwantsha kgokgontsho ya bana, ga mmogo le go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana di babalesegile, ka jalo go mo go rona re le batsadi go netefatsa gore re ruta bana go dira sengwe le sengwe ka maikarabelo,” Kgosi Kareng a tlhalosa.

E rile fa a rola molaetsa wa letsatsi, mothusi mo go tsa maranyane go tswa mo lephateng la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moreri Keikotlhae a re go tlhoka go tsibogela ditshwanelo tsa bana go ba rontsha go tshela ka tshosologo, le go bona ditlamelo ntle le kgethololo.

Rre Keikotlhae o tlhalositse fa setlhogo sa letsatsi leo se itebagantse le dithulaganyo le mananeo a Afrika a tshwanetseng go a diragatsa, go fenya kgatako ya ditshwanelo tsa bana ga mmogo le go kgala tse di setseng di diragala mo matshelong a bana.

A re bana ba tshwanetse go golela mo tikologong e e iketlileng, e e babalesegile, go bona ditlamelo tsa botsogo tse di maleba di babalesegile e bile di lekane, ga mmogo le go neelwa thuto e e nang le boleng.

Rre Keikotlhae a re go botlhokwa go nna le setho sa tlholego ka jaana go sa tlhokane le dithuto dingwe tse di rileng go tshela sentle le ngwana ka lerato le kagiso.

“Ke rata re ipotse ka setho fela sa rona sa tlholego, gore a mme go tlhokana le bommantswitswidi bope fela go ntsha lorato mo pelong. Bagaetsho re batho rotlhe mo lefatsheng, mo setshwanong sa  Modimo ga go na ope yo o tshwanetsweng ke sepe se se sa tshwanelang yo mongwe,” Rre Keikotlhae a tlhalosa.

A re dipatlisiso di supa fa bongwe mo baneng ba le bane lefatshe ka bophara bo tshelela mo mafatsheng a a nang le diemo tse di sa iketlang, tse di ba kgoreletsang go tshela sentle.

“Go ne mo Afrika go na le mafatshe a e leng gore bana ga ba fiwe thuto ya boleng, ga ba je sentle, ga ba na metsi a a phepa,  ditlamelo tsa botsogo di a tlhaela, mme e bile se se ngomolang pelo le go feta, bana ba dirisiwa mo ditirong tse di borai, tse di bayang matshelo a bone mo diphatseng,” ga bua Rre Keikotlhae.

Moithuti go tswa sekoleng se sebotlana sa Al Haq, Tumisang Matomela ene o ne a bolela fa setlhogo sa monongwaga se rotloetsa le go nonotsha pabalesego ya ditshwanelo tsa  bana botlhe ba Afrika, go sena kgethololo ya letso, mmala, bong, puo le tse dingwe.

A re e re ka jaana ka nosi bana ba sena maatla le bokgoni  jwa go natefelelwa ke ditshwanelo tsa bone, ke maikarabelo a setho fela go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana di babalesegile, e bile ga ba di rontshiwe.

“Jaaka re ipelela letsatsi la Ngwana wa moAfrika, a re gopoleng  bana baba senang malapa ka lebaka la lehuma, dintwa tsa semorafe le kgokgontsho, bana ba ba ketefalelwang ke botshelo ka jaana ba tshela ntle le tse di tlhokafalang  jaaka  dijo, diaparo le boroko,  go fatlhoga le go kgona  ditoro tsa bone,”  Itumeleng a tlhalosa.

A re isago ya lefatshe lengwe le lengwe e ikaegile ka bana, mme go santse go na le mafatshe mangwe mo Afrika a a ikgatholosang go neela bana ba one thuto  ya boleng.

A re selo se, se ka ama seemo sa tlhabologo mo Afrika. Bokhutlo 

 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Gosaitse Ditsele

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jun 2019