Bomme ba Bobirwa ba itshetsa ka tiro ya diatla
18 Jun 2019
Bomme kwa Bobirwa ba ipopile setlhopha go itshetsa ka tiro ya diatla.
Setlhopha seo, se se bidiwang O tla-robala-otla-ja-eng, se bopilwe ka bomme go tswa kwa Lentswelemoriti, Motlhabaneng le Mathathane mme se dira ditiro tse di farologanyeng di tshwana le go roka, go bopa ba dirisa dipampiri le go loga ka mokolwane.
Leloko la setlhopha seo Mme Kerileng Keletso, o ne a supa fa letlhoko la mmaraka le ba itsa go gola ka ba rekisa fela kwa Tuli Block.
Mme Keletso o ne a bua jaana kwa kgotleng ya Mathathane mo letsholong le le neng le eteletswe pele ke lekgotlaa la SPEDU fa ba ne ba lekola ditiro tse di atsweletseng mo kgaolong ya Bobirwa le Selebi Phikwe.
O tlhalositse fa matshwenyego a mangwe e le sekgala se ba se tsamayang go ya go kgetla mokolwane o ba o dirisang go loga ditlatlana ka ba sena sepalamo.
O ne a supa fa kgaolo ya bone e na le diphologolo tse di borai di tshwana le ditlou tse di tshosetsang matshelo a bone, mme se se dira gore ba tshabe go tsamaela kgakala le gone go bapala mokolwane ba phuthologile.
O ne gape a supa fa go na le motako o ba o dirisang go kgabisa ditlatlana, a tlhalosa fa ba o reka mo bathong ka o bonwa fela kwa nokeng ya Limpopo mme bone ba sa kgone go o itatelela ka ba tshaba ditlou.
A re se le sone se dira gore kgwebo ya bone e seka ya gola ka ba dirisa madi a mantsi go o reka.
Mme Keletso o ne a supa fa SPEDU e ba eme nokeng ka e kgonne go ba golaganya le bangwe ba balogi go tswa kwa Boteti go tla go ba thatlhelela dikitso tsa go loga.
O ne a supa fa se se sa lekana, mme a kopa makgotla le puso go ba ema nokeng go ba batlela mmaraka.
Mothusa kgosi wa kgotla ya Mathatahane Kgosi Samuel Makola o ne a supa fa Bobirwa a humile di-tsa tlholego jaaka diphologolo le dimela, mme di sa sologele batho ba kgaolo eo molemo.
Kgosi Makola o ne a kopa ba SPEDU go ba buelelela le puso gore le bone ba kgone go tlhabolola matshelo a bone ka meamuso e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Mathathane
Event : Potsolotso
Date : 18 Jun 2019