Breaking News

AP e rolela batlhophi mopalamente le makhanselera

18 Jun 2019

 E rile ka Matlhatso phathi ya Alliance for Progressives ya rolela batlhophi ba kgaolo ya Palapye yo o tlaa nnang ntlhopheng wa bopalamente le ba bokhanselera ba roba bongwe mo phuthegong ya sepolotiki.

Mothusa moeteledipele wa phathi eo Rre Wynter Mmolotsi, o ne a tlhalosa fa nako e tsile ya gore Batswana ba itharabologelwe, ba lebelele kwa ba tswang teng.

O ne a kopa batlhophi gore ba sekaseke gore mo dingwageng tse di fetang botlhano phathi e e busang e ba diretse eng se e neng e se ba solofeditse.

E rile a rola moemedi wa palamente Rre Gape Motswaledi, a tlhalosa fa phathi ya AP e le yone fela e nang le maitlamo a a ka ba isang golo gongwe a a nang le tebelopele e bile a le boammaruri.

Rre Mmolotsi a re le fa itsholelo e koafetse, e tlhokana le nako go baakanngwa, a tlhalosa fa go tswa ka 2017/18 go fitlha jaana lefatshe leno le tshela ka go tlhaelelwa ya madi, mme le beile fela mo mading a dikadimo.

Rre Mmolotsi yo gape e leng mopalamente wa Francistown Borwa o ne a re go ya tlase ga itsholelo go raya go le gontsi mo go tlhokwang go dirwa, a tlhalosa gore bone fa ba tsaya puso ba ya go simolola ka go godisa itsholelo ka 10 per cent ngwaga le ngwaga gore e boele mo seemong.

A re lefatshe leno ga le na madi, seo se raya gore fa ba tsaya puso ga ba kake ba kgona go dira sepe go itumedisa bodiredi ka lebaka leo.

O tlhalositse fa bana ba ba feditseng dithuto tse dikgolwane ba ka tshwara dikete di le masome a a robang bobedi le bosupa ba ntse fela mo malapeng ba sa dire gope.

A re ke yone thulaganyo ya phathi e e busang ya go tlhoka go lemoga boitseanape jo bana bao ba nang le jone.

A re palo e nngwe e e emeng fela ke ya bana ba ba feditseng lokwalo lwa Form 5 ba ba gobeyang le mekgwatha.

Rre Mmolotsi a re metlhala ya khumo e metsi e tlhoka balati, a supa fa lefatshe le humile meamuso ya tlholego e e direlang bana ditiro.

O ne a fa sekai ka letswai le le tswang Sowa a re le diretse banana le bagolo ba Africa Borwa ditiro tsa go dira digalase.

A re khamphani eo fa e ne e le mono-gae e kabo e neetse batho ba lefatshe leno ditiro tseo.

O ne a re madi a a dirisiwang mo lenaneong la Ipelegeng ke P480 million ka ngwaga ka e thapa batho ba le 67 700.

A re ke madi a a ka dirisiwang go tlhamela batho bao ditiro tsa sennelaruri.

A re go segwa ga digalase le go dirwa ga dijo tsa dikgomo go le nosi fela go ka thapa bontsintsi jwa Batswana.

Rre Mmolotsi o ne a re go botlhokwa go sekaseka mapolotiki le maitlamo a diphathi ka kelelelo.

A re go botlhokwa gore mapolotiki a lebelele dikeletso tsa Batswana pele ga dikeletso tsa bone, mo a rileng ga go a nna jalo mo phathing e e busang.

O ne a kopa ba-tsena phuthego eo gore fa ba ya ditlhophong ba latlhela talama ba ipotse pele gore talama eo e ya go ba direla eng go fokotsa letlhoko la ditiro, go tokafatsa thuto e e lolaea, go oketsa ditlamelo tsa botsogo le ditsela.

Are karabo e, e tlaa nna teng mme ba fetole puso.

Rre Mmolotsi a re e re ka nako ya ditlhopho ba ribame, ba tlaa ribamologa ba sena go tlhopha, a re go dira jalo ga se mathata go ka kgonega.

E rile a rola Rre Motswaledi, Rre Pelonomi Willie a tlhalosa bopelotheri, boineelo, bopelotelele le botho jwa gagwe.

A re gape ke motho wa lenaneo la botshelo le le tlhapileng, ka jalo o ka rongwa.

Rre Willie o ne a ema Rre Motswaledi ka lefoko a re a tsamaye a ye go itebaganya le letlhoko la ditiro, botsogo le tsa thuto.

O ne gape a galaletsa maitlamo a AP a re ke maitlamo a a kwadilweng ke batho ba ba itlhaloganyang e bile ba supa fa ba eleletsa Batswana tse dintle.

Fa a tswa la gagwe, Rre Motswaledi o ne a bua a sa kgale mathe ganong, a re AP ke phathi e e yang go golola Batswana go aga Botswana le Palapye yo mosha.

A re batho ba tswe mo dikakanyong tsa bogologolo, mme a ba kopa go lotlolola ditlhaloganya go lebela kwa pele.

A re Batswana ba tshwanetse go itse fa ba leng teng mo nakong eno, le kwa ba yang teng, e seng jalo e tlaa bo e le maithamako fela fa ba sa kgone go dira pharologanyo.

O ne a tlhalosa gore fa a bona Palapye o bona lefatshe le lentle le le ka dirang toropo e e di fetang tsotlhe ka bontle ka e humile ditso tsa merafe ka go farologana.

 Rre Motswaledi a re go tlhoka go fa Batswana ditlamelo tse di maleba tsa botsogo le metsi, go tshwana le go bolaya batho.

A re kwa ntle ga tsone tseo puso e a bo e rontsha Batswana ditshwanelo.

O ne a bua ka magala a re ke sengwe sa tse di ka direlang Batswana ditiro ka go ka ntshiwa mahura a dikoloi mo go one, a a fa sekai ka khamphani ya Afrika Borwa ya SASOL a re ke nngwe ya tse di itshetletseng mo tirisong ya di-tswa mmung, gape e le yone pinagare ya ditlhabololo tsa lefatshe leno.

A re lefatshe leno le na le batho ba ditalente tsotlhe, barutegi ba ba ka dirang go le gontsi le go isa Batswana golo go se fa, fela fa ditalente tseo di ne di ka tsewa ka tlhoafalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Phuthego

Date : 18 Jun 2019