Breaking News

WAR e kgala batsadi ba ba gwebang ka bana

17 Jun 2019

Mogokaganyi wa lekgotla la Women Against Rape (WAR) mo Maun, Mme Peggy Ramaphane o kgadile batsadi ba a reng ba dirisa bana go itshetsa.

A re ba itemogetse fa mo Maun batsadi bangwe ba gweba ka bana, bogolo jang fa go na le mediro e metona ya setshaba jaaka dithuto-puisanyo, meletlo ya go ipela le tse dingwe.

O supile jalo kwa thuto-puisanyong bosheng a re batsadi bao ba dirisa bana ba ba tsenang sekole ka jaana ba a bo ba itse gore bareki ba etla.

A re se se ngomolang pelo ke gore batswasetlhabelo bao ga go na sepe se ba imatswang ka sone ka jaana batsadi e le bone ba tsayang madi, a tlatsa ka go re batsadi bangwe ba setse ba agile matlo fa bangwe ba tshela botshelo jo bo manobonobo ka ntlha ya go gweba ka bana.

Mme Ramaphane o tlhalositse fa bana  ba felela ba tswa mo dikoleng ka ntlha ya boimana ka jaana ba dirisiwa botlhaswa fela go sena itshireletso fa bangwe ba aswa senku mme ba felele mo mekgwatheng.

A re ofisi ya gagwe e hupeditswe ke dikgang tsa mohuta oo, mme a ikuela mo morafeng go emela dikgang tseo ka dinao ka jaana di diga seriti sa bana. A re e le ba WAR ba boloditse letsholo go buisanya le magosi ka dikgang tseo le tse dingwe tse di amang bana.

A re bangwe ba nyalwa ba sa le babotlana ka jaana ngwana fela fa a tlhoga dikolamelora o a beelelwa go ya ka dingwao dingwe. A re go beelela ngwana ke ngwao mathata ke fa motho yo a mmeeletseng janaong a batla go mo dira mosadi e ise e nne nako a tlhakanela dikobo le ene.

Mme Ramaphane o tlhalositse gore go botlhokwa gore ngwao le ditsamaiso dingwe tsa Setswana di lebelelwe ka jaana di baya bana ka fa mosing. A re batho bangwe ba iphitlha ka ngwao mme ba rontshe bana tshwanelo ya go akola botshelo.

A re bana ke bone bokamoso, ka jalo ba tlhoka go tlamelwa  le go godisiwa sentle.

A re go ama pelo go bona batsadi mo Maun ba dirile bana bontlha jwa bojanala.

A re e re le ntswa puso e otlolotse letsogo go ntsha mananeo a itshetso, sebe sa phiri ke gore batsadi bangwe ba ithetse moriti o tsididi fela mme ba batla madi ka ditsela tse di sa siamang tse di bofefo.

Lekgotla la WAR le itlamile go ema kgatlhanong le  kgokgontso ya bomme le bana. Mme Ramaphane a re ba ipelafatsa ka buka nngwe e e kwadilweng ke bana bangwe ba dikole mo Maun ba bua ka maitemogelo a bone ka dikgwetlho tsa botshelo mo Ngami. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Thuto-puisanyo

Date : 17 Jun 2019