Makhanselara a lekola kokelo ya Palapye
17 Jun 2019
Makhanselera a kgaolo-potlana ya Palapye a sa tswa go etela kokelo ya Palapye ka maikaelelo a go iponela seemo le go itseela ka tsebe matshwenyego a a lebanyeng kokele eo.
Se se tla jaana morago ga gore mokhanselera wa BCP wa Khurumela Rre George Makhura a ntshe tshutiso mo khanseleng e e tlhalosang fa seemo sa kokelo eo se ngomola pelo e bile go le botlhokwa gore baeteledipele ba e bileng e le kemedi ya batlhophi ba tlhoka go e etela go ya go bona ka fa e dirang ka teng le go kopana le bodiredi jwa yone.
Rre Makhura a re seemo sa kokelo eo, se ngomola pelo ka ditlamelo di tshwana le melemo, malao, diipone le metshine dimeshine tse ditlhatswang dilwana tsa balwetse di tlhaela.
Modulasetilo wa khansele Rre Lesedi Phuthego o ne a dumalana le makhanselera gore mo bokopanong jwa mariga khansele e tlaa etela kokelo eo.
Fa a lekodisa makhanselara, Dr Cosmas Assenga o ne a supa fa ba na le malao a le masome a matlhano ntswa kokelo eo e lebaganye le dikokelwana di roba bongwe, le dikokelo tse dipotlana di le lesome le borobabongwe.
O ne a tlhalosa fa ba thusa batho ba ba ka tshwarang dikete tse di makgolo mane le boraro, mme e bile e lebanwe ke mathata a go neela bafeti ka tsela e tona ya A1 ditirelo ka e le makgatlhanela thapong a metse e metona yotllhe.
Dr Assenga a re mo dikokelwaneng tse dirobang bongwe tse, di le pedi fela ke tsone tse go nang le badisa dikago, gape di na le matlo a pelegeso jaaka sa Lerala le Maunatlala.
A re kokelo eo, e imelwa ke morwalo wa balwetse, a tlhalosa fa gongwe seo se ka tokafala fa dikokelwana tsa Lotsane le Khurumela di ka godisiwa go nna le bongaka jwa sennela ruri.
O ne a supa fa ba na le bodiredi mathata e le tlhaelo ya didirisiwa.
A re dikgwetlho tse, di ba paledisa go dira tiro sentle, ka e bile go lebeletswe gore koloi ya balwetse ke yone gape e thusang mo dikotsing tse di diragalang letsatsi le letsatsi mo tseleng e tona e e ralalang Palapye.
Dr Assenga o ne gape a tlhalosetsa makhanselara ka lekalana la meno a re le lone le tlhaelelwa ke didirisiwa, gape le direla kwa ntle ga Palapye go thusa balwetse kwa metseng ya magae, le kwa sekoleng sa ba-na-le bogole sa Ratsie.
O ne gape a tlhalosa fa ba lebanwe ke letlhoko la badisadikago.
A re go gola ga Palapye go tlhoka gore seemo se, se tsibogelwe go itepatepanya le mathata.
E ne e rile go le pele Rre Phuthego a re bone e le mapolotiki ba tshwenyegile ka seemo sa kokelo eo ya Palapye, ka ba amogela dingongora letsatsi le letsatsi, mme mathata e le tlhaelo ya ditsompelo.
Fa ba tswa la bone, makhanselera ba ne ba balebogela bodiredi gore bo bo bo sa ipone tsapa mo go direleng setshaba ka bonnye jo ba nang le jone.
Ba ne ba supa fa mathata ao otlhe a ka arajwa fela ke go agwa ga kokelo e kgolwane mo Palapye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : phuthego ya khansele
Date : 17 Jun 2019