Masisi o busa sentle - Morupisi
17 Jun 2019
Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi o kopile setshaba gore se seka sa tshwenngwa ke dikgang tse di buiwang ke bangwe tse di buang fa tsamaiso ya ga tautona Dr Mokgweetsi Masisi e sa siama.
A re dikgang tseo ga di na boammaaruri mme e bile setshaba se tshwanetse go di kgathologa. O buile jaana ka Labotlhano kwa dikoleng tse dipotlana tsa Manaledi, Goo-Sekgweng le Lerala kwa a neng a abela baithuti le barutabana dimpho tse di tswang kwa lekgotleng le a le eteletseng pele wa Morupisi R7 Foundation.
Dimpho tseo di akaretsa didirisiwa tsa maranyane tse di neng tsa abelwa barutabana ba sekole sa Lerala di le masome mabedi le borobabobedi, fa kwa Manaledi gone a ne a aba dibeke tsa bana ba sekole di le masome a supa le boraro.
Kwa Goo-Sekgweng gone o abile dibeke tsa bana ba sekole di le lekgolo le masome a marataro.
Rre Morupisi a re Botswana o thaetswe mo thulaganyong ya tekatekano ya botlhe.
Ka jalo a re thulaganyo ya go tsamaisa lefatshe ga e kake ya fapoga mo go e e ntseng e le teng e bile e dirwa ka fa molao o batlang ka teng.
Rre Morupisi o ne a leboga dikole tsa Manaledi, Goo-Sekgweng le sa Lerala go bo di ne tsa dira sentle mo lekwalong la bosupa.
O boletse fa maduo a dikole tseo a supa fa ba-na-le seabe ba tshwaraganetse thuto le barutabana.
Sekole sa Lerala se ne sa dira maduo pasa ka 100 per cent, Goo-sekgweng ka 92.3 per cent fa sa Manaledi se ne sa dira 88.8 per cent.
Rre Morupisi a re ntswa dikole dingwe di na le dikgwetlho, bogolo jang tsa boroko jwa barutabana le tsa letlhoko la didirisiwa jaaka metshine e e ntsifatsang dipampiri di tsweletse ka go dira sentle.
O ne a rotloetsa dikole tseo gore di seka tsa ipona tsapa ba tswelele ka one maduo ao kana ba a tlhatlosese.
Rre Morupisi a re Tautona o rotloetsa tshaba ya lefatshe leno go tsena mo dithutegong tse di ka godisang itsholelelo ya mo gae.
A re baithuti ba tshwanetse go rutwa dithuto tse di ba fang bokgoni jwa go tlhama le go tswa ka megopolo e mesha.
A re dithutego tseo gape di tshwanetse di letle baithuti go direla kwa ntle ga lefatshe leno go sena bothata.
Mogolwane mo lephateng la thuto go tswa kwa moding a okametse kgaolo-potlana ya Palapye Mme Wananani Gunda o ne a akgola Morupisi R7 Foundation go bo e bone go tshwanela gore e abele baithuti le barutabana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : KABO DIMPHO
Date : 17 Jun 2019